Temo ya monongwaga e a nametsa
27 Jan 2021
Temo ya monongwaga e solofetswe go ntsha thobo e e itumedisang morago ga go gosomana ga dipula lefatshe ka bophara gammogo le mo kgaolong ya Kgalagadi e gantsi pula e nang ka boutsana.
Mafoko a, a builwe ke molemisi wa Tsabong, Mme Sylvia Podise mo potsolosong le lekalana la dikgang la BOPA ka Labobedi.
Mme Podise o ne a tlhalosa fa balemi mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba itomile molomo wa tlase go tlhomamisa gore ba tshwara bokgola jwa pula gore ba kgone go itirela dijo, go fepa ba malwapa a bone le gone go rekisa ba itirela letseno go tokofatsa matshelo a bone.
O tlhalositse fa mo kgaolong eo, letsema le simologile ka Ngwanaatsele ngogola, mme a gakolola balemi go iketleetsa go lema ka dipalo tse di kwa godimo.
Mme Podise o boletse fa mo nakong ya gompieno, balemi ba le lekgolo, masome a mabedi le boferabongwe, ba setse ba lemile dijalo ka go farologana.
A re dipalo tseo di solofetswe go oketsega ka balemi ba le bantsi ba eme ka dinao go inaakanya le temo, ka go lema masimo a a neng a ntse a sa dirisiwe go le pele.
E re le ntswa mogare wa Corona o tlhasetse mo lefatsheng leno mo o setseng o phutlhamisa itsholelo le gone go ama matshelo a batho ba le bantsi, balemi bangwe ba ne ba bona dipoelo tse di botoka morago ga go rekisa thobo ya bone mo pusong ka nako ya kiletso mesepele.
Mme Podise o boletse fa se, se ne sa gwetlha balemi mo ngwageng ono go tsenya marapo dinameng.
O supile fa puso e thusitse balemi ba le makgolo a mane, masome a matlhano le bone ka dipeo tsa mabele, lablab, dinawa le mmidi wa mmoulo o a boletseng fa e le la ntlha ba thusiwa ka one, mme tsholofelo e le gore o tlaa ntsha maduo a a botoka.
Molemisi a re puso e tsere tshwetso ya go duelela balemi diekere tse nne fela ka lenaneo la ISPAADD monongwaga, ka e sa ntse e le mo ditshekatshekong tsa go tlhabolola lenaneo leo.
Gape o supile fa ba semeletse ka go kala masimo go netefatsa gore go lemilwe diekere tse kae mo kgaolong eo.
Mme Podise o ne a gakolola le go kgothatsa balemi go tlhomamisa gore ba tlhokomela masimo a bone ka go a tlhagola go babalela dijalo tsa bone ka gantsi diji di iphitlha mo mherong.
O ne gape a gwetlha balemi mo kgaolong eo go agelela masimo a bone ka terata kana go dirisa matlhaku, go itsa go senyediwa ke leruo le diphologolo tsa naga.
Motshwaralela moeteledipele wa lephata la tepo-loapi mo Tsabong, Mme Dimakatso Sento o supile fa pula e e tsweletseng ka go na mo kgaolong ya Kgalagadi, tsholofelo e le gore balemi ba tlaa dika ba bone thobo e e nametsang fela thata.
Mme Sento o boletse fa go ya ka maitemogelo a bone e le ba tepo-loapi, tsholofelo e le gore pula e tlaa tswelela ka go na ka bokete go simolola kgwedi eno go fitlha ka kgwedi ya Mopitlo, fa go tshwantshanngwa le ngwaga o o fetileng.
Mongwe wa balemi mo kgaolong eo, Mme Goarabamang Gabankalafe o ne a galaletsa Modimo thata a re o butse legodimo ka go nesa pula e ba neng ba sa e solofela, mme ba nona pelo ka mathe gore ba tlaa tswa ka sengwe le bone go tshwana le balemi ba dikgaolo tse dingwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : POTSOLOTSO
Date : 27 Jan 2021