Go botlhokwa go lema ka dipula tsa ntlha
26 Jan 2021
Molemi wa masimo a Dinyonyaneng kwa Goo-Tau, Rre Baatweng Mabihi o rotloeditse balemi go lema ka dipula tsa ntlha ka se se dira gore ba nne le thobo e e nametsang ka mohama wa temo-thuo e le one o ba ka kgonang go itshetsa ka one.
O buile jaana ka Labotlhano mo potsolosong kwa masimong ao.
O tlhalositse fa a sa le a lemile ka Ngwanaatsele ka dipuala tsa ntlha.
A re o lemile diekere di fera bongwe, a lema magapu, ntshe, maphutshe, marotse, dinawa, mmidi magareng ga tse dingwe.
A re ka gale o lema diekere di le masome a mane mme mo nakong ya gompieno a setse a lemile diekere di fera bongwe ka ga a ke a lema tshimo yotlhe ka nako e nngwefela.
O tlhalositse fa a ipaakanyetsa go lema ditema tsa bofelo.
A re o dira se gore a seka a nna le tiro e ntsi ya go roba dijalo tsotlhe ka nako e nngwefela.
Rre Mabihi a re diji jaaka seboko sa segopa se se jang mmidi, le nonyane ya thaga, di ka dira gore molemi a tswe fela a iphotlhere mo temeng ya mabele.
A re kgwetlho e nngwe e a e itemogetseng ke mhero o tshwana le khonkhoroso le makgae a namane.
Ka setshwarwa ke ntsa pedi se se thata, o supa fa a thapile bathusi ba ba tlhagolang ba fera bongwe.
Rre Mabihi o tlhalositse fa e le ene a itemetseng ka a na le terakere le didirisiwa tsa temo.
A re o lemetse batho ba feta masome a mabedi mo pakeng eno ya temo gore le bone ba tle ba obe letsogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Segojame Ikgopoleng
Location : GOO TAU
Event : POTSOLOTSO
Date : 26 Jan 2021