Tshipo o abela bana ba sekole melora
26 Jan 2021
Rre Jacob Tshipo wa kwa Goo-Tau o abetse bana ba masiela ba le masome a mabedi le bosupa kwa dikoleng tse dipotlana tsa Goo-Sekgweng, Goo-Tau, Manaledi, Matlhokola le Modungwane melora.
Rre Tshipo, yo e leng mogokgo kwa sekoleng se sebotlana sa Boipuso, kwa Palapye, o ne gape a ba duelela madi a ditlhabololo le a mokgabo a ngwaga otlhe, ka maikaelelo a go tokafatsa thuto ya bone.
A re maikaelelo a gagwe ke go ba thusa mo go tsa thuto, gore ba seka ba tlhoka sepe go fitlhelela ba fetsa lokwalo lwa bosupa.
A re o rotloetsa mowa wa phadisano mo thutong, magareng ga dikole tse tlhano tseo ka a na le dietsele tse pedi tse ba tsileng go di phadisanela.
Mogokgo wa Goo-Sekgweng, Mme Tapologo Gaebolae a re Rre Tshipo o na le lorato, e bile o eletsa gore Batswana ba bangwe ba anywe se mo go ene, go nna tshaba e e lorato, gape e le kutlwelobotlhoko.
Modulasetilo wa lekgotla la batsadi le barutabana kwa Goo-Sekgweng o ne a mo eleletsa masego le matlhogonolo, fa mogokgo wa Goo-Tau, Mme Cecilia Madibela a ne a leboga Modimo go bo o file Rre Tshipo botlhale, mowa wa lorato le go thusa.
Mongwe wa batsadi kwa Goo-Tau, Mme Kebadire Moikotlhai o ne a rotloetsa Rre Tshipo go tswelela ka mowa wa lorato, mme a kopa gore Modimo a mo okeletse malatsi a botshelo.
Mogokgo wa Manaledi, Mme Kebarileng Obonye a re e re ntswa sekole seo se le sennye, se dira bontle mo ditlhatlhobong.
A re bodiredi jwa sone le batsadi ba tshwaraganetse thuto ya bana ka mowa o le monngwefela.
Kgosi Batwaetse Mapulane wa Manaledi o ne a lebogela tiro e Rre Tshipo a e direlang bana, mme a rotloetsa batsadi go dirisa dimpho tseo go tlhokomela bana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Segojame Ikgopoleng
Location : GOO SEKGWENG
Event : Kabo dimpho
Date : 26 Jan 2021