Boeteledipele jwa Mahalapye bo dumalana go ikemela ka dinao
25 Jan 2021
Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere a re boeteledipele jwa kgaolo bo dumelane go ikemela ka dinao go diragatsa ditlhabololo tse di sa kgonagalang mo lenaneong la NDP 11.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa dikgotleng tsa Tshikinyega II le Borotsi bosheng, Rre Tshere o tlhalositse fa ba dumalane gore ka bontsi jwa ditlhabololo di sa akarediwa mo NDP 11, ba tshwanetse ba lwela gore di akarediwe mo NDP 12.
A re ba dumelane gore sephatlo sa madi a ditlhabololo tsa kgaolo a dirisiwe mo kgophong ya metsi a a leswe, a mangwe a dirisiwe go feleletsa ditsela tsa mo gare ga motse tse di dirwang ka ditena.
A re ba dumelane gore ditlhabololo tse ba di itirele ka lenaneo la Ipelegeng le ka boithaopo jwa morafe, ka jalo, a kopa morafe go nna malala a laotswe go ithaopela go dira ditiro tseo.
Mopalamente a re nako e tsile ya gore ba bue ka lentswe le le lengwe go diragatsa ditlhabololo tsa kgaolo, a solofetsa fa a tlaa dira tiro e ba e mo tlhophetseng ya go ba buelela kwa palamenteng le go isa megopolo ya bone jaaka e ntse.
O ne gape a gatelela fa a ikemiseditse go tlhomamisa gore dikgang tsa ditlhabololo tsa kgaolo, tse di akaretsang; go epiwa ga motlhaba mo nokeng ya Mahalapye, kgopho ya metsi a a leswe, ditsela tsa fa gare ga motse le Mahalapye Development Trust di emelwa ka dinao.
Mo go tse dingwe, Mopalamente Tshere o ne a rotloetsa tirisano mmogo fa gare ga boeteledipele le banni, a tlatsa ka go re ‘nako e re mo go yone e ya segajaja sa COVID-19, e re pateletsa gore re tshwaragane’.
Fa a tsibogela dingongora tse di akaretsang dikgang tsa go ikgatholosa nako e e beetsweng dintsho, dipolaano le go ikgapela matshelo ga baratani le borukutlhi, Rre Tshere o ne a solofetsa fa a tlaa latedisa matshwenyego otlhe le go bona gore a a arajwa.
Mopalamente o ne gape a akgolela mapodisi tiro e ntle e ba e dirang go lwantsha borukutlhi le go tlhomamisa gore banni ba obamela melawana e e beilweng ke ba botsogo le dinako tsa kiletso metsamao.
A re o itemogetse gore ke fale le fale fela fa batho bangwe ba santseng ba sasankega masigo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAHALAPYE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 25 Jan 2021