Tshere o rotloetsa morafe go obamela melawana ya COVID-19
25 Jan 2021
Banni ba Mahalapye ba rotloeditswe go ikanya matshego a mararo a go thibela kanamo ya mogare wa corona, e bong go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa ka metsi a a phepa le molora, go katologana le go rwala sebipa nko le molomo sentle ka dinako tsotlhe.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa kgotleng ya Tidimalo ka Labotlhano, Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere o gateletse gore matshego a mararo a go thibela kanamo ya corona ga a thibele go tsenwa ke mogare o, mme a thusa go fokotsa kanamo ya one.
“Konokono ya kgang mo nakong ya gompieno ke gore re rutana ka go itshireletsa mo go tsenweng ke corona, bogolo jang ka jaanong go tsile o mongwe o o anamang ka bofefo,” ga bua Rre Tshere.
“Re tshwanetse ra dira ka bojotlhe go itshireletsa le go sireletsana ka go obamela melawana ya ba botsogo, bogolo jang ka go fokotsa go sukagana.
Fa re le mo matlong re netefatse gore re bula matlhabaphefo ka dinako tsotlhe, gore phefo e tsene,” ga tlatsa mopalamente.
Le fa go ntse jalo, Rre Tshere o gakolotse boeteledipele jwa motse go tsibosa morafe gore o seka wa itebala o akanya gore matshego a mararo a go fokotsa kanamo ya corona a ka ba thibela go tsenwa ke mogare o, bogolo jang fa ba sa a diragatse otlhe nako e le nngwe.’
A re mo nakong ya gompieno, e mokento wa COVID-19 o iseng o goroge mo Botswana, matshego a mararo ao ke one fela a ba botsogo ba lemogileng gore a ka babalela setshaba.
Mo godimo ga moo, mopalamente o rotloeditse kobamelo ya methale e mengwe e puso e tsileng ka yone ya go lwantsha kanamo ya corona, jaaka go emisa thekiso ya bojalwa ka nakwana le go thibela metsamao magareng ga nako ya borobabobedi bosigo le ya bone makuku.
Rre Tshere o kgadile batho ba ba tsweletseng ka go tlola molao ba rekisa bojalwa, ntswa thekiso ya jone e santse e emisitswe gammogo le ba ba apayang mo dintshong.
O gateletse a bo a kopa gore boeteledipele jwa motse bo eme ka dinao go rurifatsa gore morafe ga o tlole melawana ya COVID-19, a re e seng jalo corona e tlaa anama ka tsela e e ka se keng ya laolesega.
Mopalamente o supile matshwenyego gape ka batho ba ba apayang dijo mo dintshong a bo ba di pakela morafe gore o tsamaye ka tsone.
Go dira jalo, a re le gone ga go letlelesege gotlhelele a re le gone go na le kgonagalo ya go anamisa mogare le gone go o isa kwa malwapeng.
Rre Tshere o tlhalositse gape fa puso e sena madi a e neng e a seegetse kwa thoko go lwantshana le kanamo ya corona, ka go ne go sena ope yo o neng a itse fa o tlaa tlhagoga.
A re le one madi a go rekela setshaba dijo ka nako ya thibelo metsamao, a ne a sa seegelwa kwa thoko.
Ka jalo, o kopile boeteledipele jwa motse go rotloetsa morafe go dira ka natla go thusa puso mo ntweng ya go thibela kanamo ya mogare o.
Madi a a dirisiwang mo nakong ya gompieno a re ke a a bonweng ka go emisa ditiro tse dingwe.
A re seemo sa nako ya gompieno se matshelo a le mantsi a setseng a latlhegile ka ntata ya COVID-19 se a tshwenya ka puso e sena madi a go itepatepanya le go kekela ga sone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAHALAPYE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 25 Jan 2021