Ba Metsibotlhoko ba leboga lekoko
25 Jan 2021
Banni ba Metsibotlhoko mo kgaolong- potlona ya Letlhakeng ba akgotse lekoko le le romilweng ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi go di goga kwa pele mo go laoleng kanamo ya segajaja sa bolwetse jwa COVID-19.
Mafoko a a boletswe ke Kgosi Bafentse Moatshing wa Metsibotlhoko, fa a amogela baeng kwa phuthegong e e neng e biditswe ke mopalamente wa Takatokwane, Rre Friction Leuwe.
Kgosi Moatshing o supile fa lekoko leo le tsenya matshelo a lone mo diphatseng mme ba kgathalela matshelo a Batswana segolobogolo.
O tlhalosistse fa mathata a le mo bathong ba ba sa dumeleng gore mogare o o a tshela le ntswa o ganyaola batho. O supile fa Batswana ba kile ba rata go nyelediwa ke HIV ka ntlha ya boganana.
Kgosi Moatshing a tlhalositse fa Batswana ba ne ba gana go dirisa diatlana fa ba tshwara balwetse ba AIDS mme ba a swa ka bontsi.
O ne a kopa Batswana go sala ditaelo tsa ba botsogo morago tsa go tlhapa diatla, go ipipa molomo le dinko le gone go emisa metsamao e e sa tlhokafaleng go tila mogare wa corona.
Mo go tse dingwe, kgosi o supile fa ba sena lepodisi mo motseng mme se se dira gore fa molao o gagamadiwa batho ba siela kwa motseng wa gagwe go ya go dira boithatelo kwa letsheng la Metsibotlhoko mme se se nnile sentsi ka malatsi a boitapoloso.
Rre Leuwe ene o ne a supa fa e rile COVID-19 e simologa ya ba tsietsa mme ba emisa sengwe le sengwe.
O tlhalositse fa ka nako eo ba ne ba kgona go bo tshwara sentle go fitlhelela ka keresemose fa jaanong seemo se tswa mo taolong.
O supile gape fa Batswana ba ne ba a fa ba botsogo thotloetso ka go itshwara sentle le go sala ditaelo morago.
O kopile Batswana gore ba seka ba ineela go nyelediwa ke mogare o mme ba rapele Modimo bolwetse bo fele.
O ne gape a tlhalosa fa a tlaa sala morago kgang ya gore Metsibotlhoko o tlhatlosiwe maemo o kgone go nna le lepodisi le mokwaledi ka jaana o godile.
Fa a ama tsa kwa palamenteng, o ne a supa fa ba dulalane le melao e le mentsinyana, a supa fa mengwe ya melao eo e le ya kgokgontsho ya bong a bo a supa fa batho ba ba betelelang batlaa kwalwa maina mme batho ba nne le sebaka sa go a bona.
O supile fa go bonala fa ngwana wa mosetsana a sa sireletsega a betelelewa le ke bone bomalomaagwe tota.
Rre Leuwe o kaile fa ba dumalane gore fa mopalamente a tswa mo phathing e a tlhophilweng a le mo go yone a ithole marapo go tshwarwe ditlhopho gape mme fa a kojwa ke phathi o tlaa tswelela a le mopalamente a sa ye kwa phathing epe.
Banni ba ne ba supa gape fa ba sale ba ntse lebaka ba sa bewe ditsha. Mme Bako Tshaila o ne a supa fa batho ba rekisa lefatshe ka tsela e e tshosang.
E rile a araba matshwenyego a ditsha, mothusa mokwaledi wa lekgotlana la kabo ditsha kwa Letlhakeng, Mme Barona Lerotsi o ne a supa fa e le nnete go na le lebaka go sa bewe ditsha.
O kaile fa tumalano e le gore ditsha di bewe go na le ditlamelo di tshwana le ditsela, metsi le motlakase mme ka nako e go sena madi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : METSIBOTLHOKO
Event : phuthego
Date : 25 Jan 2021