Solang lenaneo la Ipelegeng molemo
24 Jan 2021
Mopalamente wa Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi o kopile banni ba masimo a Kgaswe, Mabolawa le Mogatsapoo go dirisa Ipelegeng mo ditirong tsa setshaba, bogolo jang tsa go rema ditlhare mo ditseleng tsa masimo le go agelela didiba.
O ne a bua jaana kwa masimong ao jaaka fa a ne a buisa diphuthego go lekola balemi-barui mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi.
Rre Lesedi o ne a gakolola balemi-barui bao go tsaya monyetla wa go dirisa Ipelegeng sentle gore e ba solegele molemo.
A re mo nakong eno mafatshe a tlhasetswe ke segajaja sa Covid-19, ka jalo go tlaa nna le letlhoko la madi a go dira ditiro tsa setshaba mme banni ba tshwanelwa ke go ithusa ka Ipelegeng gore ba kgone go dira ditiro dingwe.
O ne a supa fa lenaneo la Ipelegeng le thusitse thata ka banni ba kgonne go dira ditiro dingwe tse e tlaa nnang segopotso mo metseng kana mo masimong a bone.
Le fa go ntse jalo, banni ba masimo ao ba ne ba lela ka go tlhoka go bewa ga ditsha tsa masimo tse ba saleng ba di kopile.
Ba re go tsaya nako e ntsi gore ba lekgotla la kabo ditsha ba ba beye ditsha mme ba kopa gore dikopo tsa bone di tsibogelwe.
Ba ne gape ba supa fa ba lebogela lenaneo la Ipelegeng ka le ba thusitse hata mme ba sa itumelele gore ga ba sa tlhola ba fiwa dijo tse ba neng ba di fiwa fa ba dira.
Ba supile fa bangwe e le balwetsi mme ba tlhokana le go latlhela sengwe mo ganong fa ba ntse ba dira.
Ba ne ba kopa puso go sekaseka gore a madi a a ntseng a dirisiwa go ba direla dijo tsa Ipelegeng a ka seka a tsenngwa mo dikatsong tsa bone tsa Ipelegeng gore ba kgone go reka dijo tse ba di tsayang fa ba ya tirong kwa Ipelegeng.
Banni ba masimo ao ba ne ba tswelela ka go leboga puso go bo e ba lemela ka lenaneo la ISPAAD ka ba kgona go ijesa ba bo ba rekisa thobo e nngwe go itshetsa.
Le fa go ntse jalo ba ne ba ngongorega ka dipeo tse ba bolelang di diega mme ba kopa ba ba lebanyeng le go phakisa dipeo go di phakisa ka nako gore ba kgone go tshwara bokgola.
Fa a tsibogela dikgang tsa balemi- barui bao, Rre Lesedi o ne a supa fa a itumelela go bo banni ba tsaya lenaneo la Ipelegeng tsia mme a supa fa go ne ga emisiwa kgang ya go fa badiri ba Ipelegeng dijo ntateng ya segajaja sa COVID-19.
A re ga go a emisiwa kgang ya dijo fela kwa lenaneong la Ipelegeng mme le mediro ka go farologana e tshwana le manyalo le dintsho go sa letlelelwe gore go apewe dijo.
Mo go ya dipeo tse di neng tsa tla morago ga nako, Rre Lesedi o ne a supa fa go ne ga nna le tiego ya go tla ga dipeo ka di rekwa kwa ntle ga lefatshe leno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 24 Jan 2021