Breaking News

Balemi ba ga Mmangwato ba galala ditema

24 Jan 2021

Balemi ba masimo a letamo la Kedikilwe le masimo a Mmolawana go bapa le Moiyabana ba ngongoregile thata ka tshwetso ya puso ya go fokotsa ditema go tswa kwa go botlhano go ya kwa go bone le go tla morago ga dipeo monongwaga.

Balemi bao ba buile jalo kwa diphuthegong tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi kwa masimong ao ka Labone.

Balemi ba boletse fa go sa nna le morero le bone fa go tsewa tshwetso eo.  

Ba tlhalositse fa puso ka botswapelo e kgothatsa balemi go lema ka tlhoafalo go ntsha dijo kwa masimo go ijesa.

Ba re lefatshe leno le ka bo le sa ikaege thata mo mafatsheng a mangwe jaaka Afrika Borwa ka dijo le tse dingwe di ka tswa mo Botswana.

Ba boletse fa balemi bontsi ba ne ba sa ipaakanyetsa diphetogo tse di dirilweng mo lenaneong la ISPAAD mme ba bolela fa bontsi bo sa lema le go ikwadisa ka mabaka a melawana e mesha.

Balemi ka kakaretso ba boletse fa dipeo le tsone di tsile morago mo ba bangwe ba neng ba siiwa ke bokgola.

Ba boletse fa beng ba ditshukudu tsa temo le bone ba tsena mo seatleng mo dikgaolong tsa bone.

Ba tsweletse ba bolela fa balemisi le bakenti mo masimong a bone ba tshwere ka thata mme kgaolo e ba fekeetsa thata ka e le bophara.

Ba kopile gore bodiredi bo okediwe mme fa go pala ba tshwarise matirelosetshaba go thusa mo seemong se.

Ba tlhalositse fa bangwe ba ntse ba letile gore masimo a bone a tle go metwa mme balemisi ga ba ise ba iponatse.

Ba re balemisi ba tlhoka dipalamo go tla kwa go bone jaanong balemi ke bone ba ba rwalang gore ba tle go ba thusa.

Mo go tse dingwe, balemi ba boletse fa ditsela tse di tsamaelang kwa masimo di le maswe fela thata, ba re di ba kgoreletsa go ntsha dijo kwa masimo go ya kwa marekisetsong.

Ba kopile puso gore segolo ba direlwe metshelakgabo mo ditseleng tsa bone.

Ba gakolotse gape gore ba tsisetswe Ipelegeng kwa masimo gore ba tle ba dire ditsela ka yone le go agelela matamo.

Barui bone ba kopile lephata la temo-thuo go ba thusa go katolola matamo a ba boletseng fa a ba thusa go nosa leruo le bone a a ba nosa.

Ba kopile gape gore go busediwe dikokelwana tse di neng di ba etela ka malatsi kwa masimo, ba bolela gore botsogo bo tla pele.

Mopalamente Lesedi o ne a etetse batlhophi ba gagwe ba ba nnang kwa masimo a ba itekodisa le go ba bolelela ka dikgang tse di sutisitsweng kwa Palamenteng e e fetileng.

O ba boleletse ka molao-kakanyetso wa go tswa ga mokhanselara kana mopalamente yo o tlhophilweng mo phathing a ya go go e nngwe.

A re molao-kakanyetso o batla gore go bidiwe ditlhopho sesha mme fa a kobilwe e nna motlotlegi fela go fitlhelela ditlhopho tsa setshaba di goroga.

Mopalamente o boletse fa go setse fela gore Tautona a beye monwana gore molao o tsene mo tirisong.

 Mo go e nngwe o ba boleletse gore jaanong lefatshe le tlaa ajwa fela le go sena ditlamelo. 

O bolela fa puso e tshwenyegile ka melala ya batho ba ba batlang ditsha. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 24 Jan 2021