Morafe wa Mantshwabisi o lela ka ditlhabololo
24 Jan 2021
Banni ba Mantshwabisi mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng/Lephephe ba supile fa motse wa bone o santse o saletse kwa morago mo ditlhabololong ntswa o le mogologolo.
Banni ba buile jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo, Rre Liakat Kablay ka Labotlhano ba re e bile metse ya bosheng e setse e ba feta ka ditlhabololo.
E rile mo kamogelong ya baeng, Kgosi Dikaelo Tsiang a re tsela ya Mantshwabisi e ba sa bolong go lela ka yone ga e tsamaege ka e sa bone tlhokomelo.
Kgosi Tsiang a re keletso ya bone ke gore tsela eo ya sekgala sa dikhilomithara di le tlhano go tswa mo tseleng ya Letlhakeng-Molepolole e tshelwe sekontere gore ditlhabololo tse dingwe di kgone go tla mo motseng.
A re ba sale ba solofeditswe gore tsela eo e tlaa dirwa ga mmogo le diofisi tsa kgotla mme nako kgolo ke eno.
A re mapodisi a motse oo le one a a sokola ka ba sena koloi mme borukhutlhi bo tsweletse ka go gola mo kgaolong.
Kgosi Tsiang a re seo se kgoba morafe marapo ka ba bereka go pega dikgang tsa bogodu le tse dingwe mme mapodisi ba retelelwe ke go thusa ka go sena se ba tsamayang ka sone.
Mo pegong ya gagwe, mothusa mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Shale Ramathaosa o lebogetse matlo a a agilweng ke puso mo motseng le fa a ise a fele.
Mme Ramathaosa o ne a kopa gore kokelwana ya bone e atolosiwe gore morafe o kgone go thusiwa sentle, bogolo jang mo dinakong tsa bolwetse jwa mogare wa corona.
Le fa go ntse jalo, Mme Ramathaosa o ne a lebogela kgokelo ya motlakase kwa motsaneng wa Matlagase.
Fa a tswa la gagwe, Rre Kablay o ne a lemotsha banni gore e re le mororo ditlhabololo di tsenngwa mo lenaneong go kgona go nna le mathata a a ka dirang gore se se neng se rulagantswe se seka sa diragala ka nako e e neng e beilwe.
O ne a supa fa mogare wa corona o tsere phekelo e sele mo lefatsheng la Botswana.
A re seo, se tlama puso gore madi a a neng a rulaganyeditswe ditlhabololo a dirisiwe go thusa go lwantsha mogare o.
Rre Kablay o kopile banni go tswelela ka go itshireletsa mo mogareng o ka go obamela melawana ya botsogo.
A re Batswana ba tsweletse ka go latlhegelwa ke matshelo morago ga go tsenwa ke mogare wa corona.
Mo go tse dingwe mopalamente o kopile balemi go tlhokomela masimo a bone ka jaana puso e dirisa madi go ba lemela.
A re ba ba sa a tlhokomeleng ba tlaa iphitlhela ba kwadilwe gore selemo se se tlang ba seka ba thusiwa.
O ne gape a kopa barui go tlhokomela leruo la bone gore le seka la senyetsa balemi.
Mokhanselara wa kgaolo ya Mantshwabisi/Serinane, Rre Meshack Tshenyego o ne a lebogela mopalamente go tla go tlhola batlhophi ba gagwe le go ba itsese ka dikgang tsa palamente.
A re ntswa le ene a itse matshwenyego a morafe, o ba kopa gore ba none pelo ka mathe ka jaana tsatsi lengwe tsela ya bone e tlaa dirwa mme ba kgone go tsamaya ka tshosologo.
Rre Tshenyego yo gape e leng modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng a re bolwetse jwa COVID-19 bo tlaa feta mme dilo di tlaa boela mannong. BOPA
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MANTSHWABISI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 24 Jan 2021