Dikgang tsa phiriso di a tshwenya
24 Jan 2021
Mothusa kgosi wa kgotla ya Ikageleng mo Selebi Phikwe, Kgosi Tuelo Mapogo a re o tshwenngwa ke dikgang tse di golelang pele tsa bahirisi ba matlo le ba ba ba hirisetsang.
Kgosi Mapogo o ne a bua jaana kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Kgoberego Nkawana kwa kgotleng ya Ikageleng.
Kgosi Mapogo o supile fa ba seka dikgang tsa matlo letsatsi le letsatsi.
A re se se a tshwenya ka bontsi jwa batho ba tsena mo ditumalanong tse di senang motlhala o di ka latedisiwang ka one fa go nna le tlhoka kutlwisisano.
O ne a kgothatsa beng ba matlo a a hirisiwang go nna ba dira mekwalo e e kareng kamoso go na le bothata o ba thuse go rarabolola dikgang.
Kgosi Mapogo a re se se utlusang botlhoko ke gore bahirisi ba kgona go hirisetsa motho ntlo ba sa itse leina la gagwe le kwa a berekelang teng.
O ne a kgothatsa bahirisi go nna le botsalano le ba ba kopileng boroko mo go bone ka se se ka fokotsa dikgotlhang.
Mo go tse dingwe, Kgosi Mapogo o ne a supa fa go na le dikgang tsa ditumelo dingwe tse batho ba dumelang fa ba ka seka ba tsenwa ke mogare wa corona.
A re selo se se borai ka se tsenya matshelo a batho ba bangwe mo diphatseng ka batho ba go nna jalo ba sa obamele melawana ya ba botsogo.
E ntse e le gone kwa phuthegong eo, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Phase 1/Itekeng, Mme Oolekae Masholokwe a re ba tshwenngwa ke lefifi mo ntlheng e nngwe ya motse mo go felelang go baka go thujwa ga matlo.
Mme Masholokwe a re dipone tse di tsentsweng tsa marang a letsatsi di dikhutshwane e bile lesedi la tsone ga le bonese kgakala.
O ne a tswelela a supa fa go tsewa ga matlakala go tsaya nako mo go bakang leswe gongwe le gongwe.
A re se se gakadiwa ke dikgomo tse di gobeyang mo motseng bosigo ka di tsena mo digotlong mme di bake tshenyo ya dipompo le go tsholola ditanka tsa malele.
A re gape ba tshwenngwa ke ditotoma tsa mmu tse e setseng e le dingwaga tse dintsi di tlogetswe ke badiri ba khansele mme se ka bo sone se dira gore motse o seka wa lebega sentle.
Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa a lebogela madi a tlhabololo dikgaolo, a supa fa ba setse ba kgonne dilo di le dintsi di tshwana le kago ya metshelakgabo le kago ya ntlo e ba tlaa e hirisang go itirela letsenoi.
E rile a ba kgwa dikgaba, Rre Nkawana o ne a supa fa kgaolo e tlhoka dilo tse dintsi mme madi one a le mannye, ka jalo ditlhabololo dingwe di tlaa nama di seegetswe kwa thoko ka itsholelo le yone e santse e sa letle.
Rre Nkawana o ne a supa fa khansele ya Selebi Phikwe e tlhoka koloi ya setima molelo mme ba sena madi a go ka e reka ka e le tlhwatlhwa kgolo.
A re ba ne ba nna fa fatshe le mopalamente wa Selebi Phikwe Bophirima, Rre Dithapelo Keorapetse le bagogi ba khansele mme ba dumalana go nna ba tsaya bonnyennyane jwa madi a a neelwang dikgaolo go thusa khansele go reka koloi eo.
A re ba bone go le botlhokwa go dira jalo ka koloi eo e tshwanetse go nna gaufi ka nako e e tlhokwang ka yone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 24 Jan 2021