Ga nkake ka siya ka tlhopho - Tshere
24 Jan 2021
Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere o tshepisitse batlhophi ba kgaolo ya gagwe gore ga a kitla a siya ka tlhopho ya bone a sa ba rerisa.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Tshikinyega II bosheng, Rre Tshere o kopile batlhophi gore ba seka ba itewa tsebe ke dikgang tse ba di utlwang.
A re seo se ka seke se diragale gotlhelele.
“Bogolo, ke ka ithola marapo e seng go siya ka tlhopho ya lona.
Jaanong, e re le di utlwa dikgang tseo le ba kgalemelele kgakala, ” ga gatelela Rre Tshere.
Mo tekodisong ya gagwe, mopalamente o ne a ama dikgang tsa ditlhabololo tsa motse wa Mahalapye, tse di akaretsang go epiwa ga motlhaba mo nokeng ya Mahalapye, kgopo ya metsi a leswe, ditsela tse di fa gare ga motse le Mahalapye Development Trust.
Bontsi jwa ditlhabololo tse, a re ga di a akarediwa mo NDP 11.
Ka jalo, o tshepisitse fa a tlaa dira ka natla, a tshwaragane le boeteledipele jwa motse go bona gore dingwe di akarediwa mo lenaneong la NDP 12.
Mo nakong ya gompieno, a re ba dumalane e le boeteledipele jwa motse gore bontlha bongwe jwa madi a ditlhabololo a kgaolo ya gagwe ya botlhophi bo dirisiwe mo ditirong tsa botlhokwa jaaka kgopho ya metsi a a leswe le ditsela tse di fa gare ga motse.
Mo go tse dingwe, Mopalamente Tshere o rotloeditse boeteledipele jwa motse le banni go dirisana mmogo.
Fa a tsibogela dingongorego tsa kgosana ya Tshikinyega II, Kgosi Sedibana Motlogelwa, Rre Tshere o tshepisitse fa a tlaa latedisa matshwenyego otlhe a ga Kgosi go netefatsa gore a bona tharabololo.
Kgosi Motlogelwa o ne a ngongoregela dikgang tsa bogodu, dintsho tse di tshwarwang go feta nako e e beilweng, dipolaano tse di ileng magoletsa le go ikgapela matshelo ga baratani.
Le fa go ntse jalo, mopalamente o akgoletse ba sepodisi tiro e ntle e ba e dirang go lwantsha borukutlhi le go tlhomamisa gore banni ba obamela dinako tse di beilweng bosheng tsa go thibela metsamao ya bosigo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 24 Jan 2021