Afrika o ntsha matshwenyego
24 Jan 2021
Leloko la khuduthamaga ya lekgotla la botsogo ya WHO, Dr Lemogang Kwape a re Afrika o supile matshwenyego ka go tlhoka go nna mo seelong se se tshwanang le sa mafatshe a mangwe mo go laoleng malwetse a leroborobo.
Fa a bua mo potsolotsong mabapi le phuthego e e tsweletseng mo maranyaneng, Dr Kwape, yo e bileng e le tona wa tsa mafatshe a sele le ditirisano, a re lefatshe leno le filwe maikarabelo a go di goga kwa pele mo go bueleleng Afrika kwa phuthegong eo.
A re fa e sale phuthego e simologa Ferikgong a le lesome le boferabobedi, ba setse ba amile dintlha di tshwana le gore Afrika a thusiwe go kgona go ikemela mo go lwantsheng malwetse a leroborobo a tshwana le Ebola le jo bo tsweletseng jwa COVID-19.
A re gape ba kopile gore e re melemo ya COVID-19 e phatlaladiwa, go dirwe jalo go lebeletswe thata kwa letlhoko le leng lentsi teng.
A re ga go na ope yo o babalesegileng, go fitlhelela batho botlhe ba babalesega, bogolo jang ka go lwantshiwa leroborobo le le fetogang.
A re lekgotla la WHO le leka go tokafatsa loago lwa mafatshefatshe lwa botsogo, ka go fa maloko a lone seabe gore WHO e solegele mafatshe ka bontsi molemo.
Tona Kwape gape a re fa go lebeletswe bokete jwa malwetse a a tshelanwang, bontsi jwa one bo mo Afrika, bogolo jang mo mafatsheng a a santseng a fatlhoga.
A re kgaolo ya Afrika gape e kopile lekgotla go thusa go e nonotsha mo mhameng wa dipatlisiso.
Dr Kwape a re e re ka jaana mafatshe ka bontsi e le a a fatlhogang, go tsweletswe ka go ruta batho dikitso tsa segagabo, tse di ka ba bayang mo maemong a mantle, gore ba dire dipatlisiso tse di ka tsogang di thusitse lefatshe.
Mo go tse dingwe, o boletse gore ke tlotla e kgolo gore lefatshe la Botswana le nne le seabe kwa dipuisanyong tseo, ka jaana e le gone kwa go tsewang ditshwetso teng.
A re Botswana o tlaa kgaogana dikitso le go ithuta mo mafatsheng a mangwe.
Mo nakong eno, Afrika o emetswe ke Botswana, Gabon, Burkina Faso, Kenya, Madagascar, Ghana le Guinea Bissau mo khuduthamageng eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ka Mmoniemang Motsamai
Location : GABORONE
Event : Potsolotso
Date : 24 Jan 2021