Mopalamente o rotloetsa banni go inaakanya le dihutshane
21 Jan 2021
Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks, o rotloeditse barui go ntsha dihutshane tsa boleng jo bo kwa godimo.
Rre Brooks o boleletse phuthego ya kgotla kwa Maleshe ka Labobedi gore puso e aga matlhabelo a dihutshane kwa Tsabong, ka jalo barui ba tshwanetse go ikitaya ka thupana go a dirisa.
A re go botlhokwa gore banni ba iketleetse nako e sale teng gore fa matlhabelo a bulwa, ba bo ba le mo maemong a mantle go ntsha dihutshane tsa boleng, ka dipalo tse dintsi.
A re go bonwe mmaraka wa dihutshane kwa China, Kuwait, le Norway ka jalo, go botlhokwa gore banni ba dirise sebaka se go tokafatsa itsholelo ya malwapa a bone.
O kgadile barui ba ba itetlelelang go jewa ntsoma ke batho ba ba rekang dihutshane tsa bone ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore tlhwatlhwa e nne le seelo, gore barui ba nne le dipoelo tse di botoka.
Mo dinkgannyeng tse dingwe, Rre Brooks a re lebala la metshameko le simolotse go agiwa kwa Tsabong ka tiriso ya bontlha bongwe jwa P10 million wa Constituency Funding.
O ne a ba kopa go akanye gore ba ka dira eng go itlhamela ditiro, go na le go baa fela mo pusong.
Fa a ama dikgang tsa kgokgontsho ya bong, mopalamente o ne a re e tshwanetse ya lwantshiwa ka ditsela tsotlhe, a tlatsa ka gore Palamente e fetisitse molao wa gore dikgang tsa kgokgontsho di tshwanetse go tsibogelwa ka pela.
A re go botlhokwa gore barutabana ba ba dirisang baithuti bangwe botlhaswa ba tseelwe dikgato, ka ke bone ba tshwanetseng go neela bana bokamoso, eseng go bo tsaa mo diatleng tsa bone.
Kgosi wa Maleshe, Rre Gabriel Ntau, o lebogetse mopalamente go etela motse oo, mme a kopa gore tsela ya Maleshe e dirwe ka ditena jaaka fa go dumalanwe ka 2018.
Kgosi Ntau o kopile lepodisi la kgotla, a tlhalosa gore bosheng, o ne a tshosediwa botshelo ke banana bangwe ba a neng a ba letlanya le motsadi wa bone.
A re go tlhoka lepodisi la kgotla gape go dia ditiro tsa kgotla. O kopile gape gore go nne le boralophalo mo motseng, gaufi le barui go thusa mo go tsa matlhoko a leruo.
Kgosi a re ditsatlholego di tshwanetse go somarelwa gore di kgone go boloka sechaba, a tlatsa ka gore dingaka tsa setso di na le boleng mme ebile di ne di ka dirisiwa go thusa mo go lwantsheng bolwetse jwa COVID-19.
Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Botsang Legakabe a re madi a Constituency Funding a ba bereketse ka ba kgonne go aga ntlo ya dikamore tse pedi, go fokotsa letlhoko la boroko mo motseng.
O tlhalositse gore ba Maleshe Community Poultry Project le bone ba kgonne go rua dikoko tsa mae le go fepa sekolo se se botlana ka mae fa a mangwe ba a rekisa.
Rre Legakabe o ne a leboga ba Water Utilities Corporation go bo ba tokafaditse ditirelo tsa bone, mme a kopa gore moalo wa metsi wa motse oo o atolosiwe ka motse o gola.
O ne a kopa gape gore ba dikomiti tsa ditlhabololo ba atswiwe ka ba dira tiro e ntle ya go tsisa ditlhabololo mo metseng Botswana ka bophara.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : MALESHE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 21 Jan 2021