Segajaja se kgoreletsa ditlhabololo
21 Jan 2021
Mopalamente wa Letlhakeng/Lephepe, Rre Liakat Kablay, o boletse fa segajaja sa COVID-19 se bakile gore puso e emise ditiro dingwe tsa ditlhabololo.
Mopalamente Kablay o buile jaana fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Sojwe ka Labobedi.
A re mo sebakeng se, puso e bone fa go le maleba go seegela fa thoko ditiro dingwe ka jaana botshelo jwa motho bo tla pele ga dingwe ditlhabololo.
Le fa go ntse jalo, mopalamente o tsibositse banni ka seemo sa kgokgontsho ya bong le dipolaano tse di ileng magoletsa kwa Kweneng a supa fa seemo se, se sa jese diwelang.
A re basadi ba le bantsi ba bolailwe bo setlhogo thata ke bakapelo ba bone mme a gakolola baratani bogolo jang borre go digela maikutlo fa ba na le dikgotlhang le bakapelo ba bone le go nna fa fatshe ba buisana ka jaana gotwe molemo wa kgang ke go buiwa.
Mo go tse dingwe, Rre Kablay o tlhagisitse batho ba ba tsayang ditlamelo tsa puso ba bo ba sa di dirise sentle go emisa mokgwa oo.
O file sekai ka lenaneo la go abelwa dipeo a supa fa batho bangwe ba sa le dirise sentle le puso e dirisa madi a mantsi go lemela batho.
A re go na le balemi bangwe ba ba tsayang dipeo le menontshane ba bo ba sa di dirise.
A re go tlaa tla mo seemong sa gore batho bao ba seka ba thusiwa mo isagong. Ka jalo o kopile gore masimo a tlhokomelwe go bo go disiwe leruo.
Banni b are ba babaletswe ke go tlhoka go gokelwa metsi le motlakase mo ditsheng tsa bone ka ntlha ya gore gatwe ga ba mo moalong.
Banni ba kopile puso go fefogela go ba thusa gore le bone ba kgone go tlhabolola ditsha tsa bone tsa bonno.
Bangwe ba supile boeteledipele jwa sekolo se segolwane sa Macheng ka monwana ba re ga se dire tiro.
Ba re maduo a sekolo seo ga a kgatlhe ebile sekole se mo seemong se se borai ka ntlha ya leswe.
Ba kopile mopalamente gore a tsenye bogakolodi mabapi le sekole seo.
Banni tsweletse ka gore ba sale ba solofeditswe gore Sojwe o tlaa direlwa diofisi tsa go atolosa ditirelo dingwe e le bontlha bongwe jwa go isa ditlamelo tse di botlhokwa kwa bathong le mafelo a a mabapi go kgaolela batho mosepele wa go latela ditlamelo ko Molepolole mme nako kgolo ke eno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : Sojwe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 Jan 2021