Mogolwane o akgola komiti
21 Jan 2021
Mokwaledi wa khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Joseph Segopa, o akgoletse komiti ya ditlhabololo tsa motse go tsamaisa ditlhabololo le dithuso tse e di fang morafe.
E rile a bua kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Takatokwane, Rre Friction Leuwe kwa Sorilatholo ka Mosupologo, Rre Segopa a gatelela mosola wa komiti ya ditlhabololo le seabe sa yone mo tsamaisong le tlhabololo ya motse.
A re o lebogela tiro e ntle e e dirwang ke dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse, bogolo jang mo go thuseng lephata la boipelego go tsamaiso mananeo.
Rre Segopa a re ka nako ya kemiso mesepele ngwaga o o fetileng, dikomiti tse, di ne di eme ka dinao go thusa go abela morafe dijo.
A re ba ne ba bereka ka natla mme ba sa solofela dikatso dipe, ya re morago khansele ya tswa ka leano la go ba duela.
Mokwaledi wa khansele potlana ya Letlhakeng a re go maleba go leboga tiro e kgolo e ba e dirang.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Selato Obuseng ene a re maloko a bereka fela thata mme dikatso tsa bone di kwa tlase.
A re bangwe ba ba buisa dipuo tse di sa siamang ba sa rekegele gore tiro e ba e berekang e bokete go le kae.
Rre Obuseng o kopile gore go nne le madi a maloko a ka a fiwang fa ba tlogela tiro morago ga ngwaga tse tharo,.
Mopalamente Leuwe le ene o ne a supa fa dikomiti e le tsone mokwatla wa ditlhabololo tsa motse a re o itumelela gore ba bo ba tshwere ka natla go thusa setshaba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : SORILATHOLO
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 Jan 2021