Breaking News

Tshwaragano e ka thusa go rarabolola mathata a motse - Tshere

21 Jan 2021

Mopalamente wa  Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere, o kopile boeteledipele go  tshwaraganela tharabololo ya mathata a motse wa bone.

Mopalamente o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Bokaa, Xhosa 2 le Mowana (BOXHOMO) ee neng e tsenwe ke dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse le baeteledipele.

A re dikgang tse di akaretsang borukutlhi, boimana jwa bana ba ba kwa tlase ga dingwaga le go tlhoka tsebe ga bana di ka kgonwa fela fa ba tsaya karolo botlhe ba tshwaragane.

O tsweletse ka go supa gore banni ke bone ba ka nnang le seabe mo go tlhabologeng ga motse, a  fa sekai ka go lema ditlhare tsa kgotetso jaaka motswere, moloto le mokoba.

Mopalamente o rotloeditse komiti ya ditlhabololo gore e dire madi e kgone go thusa le ba ba tlhokileng lesego.

Rre Tshere o supile gape gore go latlhela matlakala gongwe le gongwe go kgotlela tikologo, ka jalo a rotloetsa setshaba go isa matlakala kwa go tshwanetseng.

Mo go tse dingwe, mopalamente o supile fa a sa itumedisewe ke kgolo ya mogare wa corona kwa Mahalapye, a supa gore seo ke sekao sa gore batho ga ba obamele melawana e e beilweng go fokotsa kanamo ya mogare.

Kgosi Mpho Rathipana wa kgotla ya Bokaa a re go na le matlo a tlogetsweng fela e le matota. A re matlo ao ke one mabeelo a dithoto tsa bogodu.

Mokhanselara wa kgaolo ya BOXHOMO, Mme Abigail Mogalakwe, a re mosuke o o kwa kokelwaneng ya Mowana e ga o a siama, a supa gape fa go na le tlhaelo ya bodiredi mme kokelwana eo e dirisiwa ke bontsi jwa batho.

Mme Mogalakwe o kopile setshaba go lwantsha kgokgontsho ya bong, a kopa batsadi gore ba seka ba neela bana ba basimane tetla ya go otlhaya bana ba basetsana. 

A re seo se dira gore ngwana wa mosimane a tseele wa mosetsana kwa tlase mme go bake kgokgontsho le fa ba godile kana ba tsene mo botsalanong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Pulamoeng

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Jan 2021