Ba nona pelo ka mathe kwa Ngami
21 Jan 2021
E re ka pula e tsweletse ka go na kwa kgaolong ya Ngamiland, bontsi jwa balemi ba nona pelo ka mathe ka jaana ba ntse ba e nyoretswe.
Kgaolo e, e ne ya welwa ke seru sa leuba ka ngwaga wa 2019.
Seemo se se ne sa tlogela banni, leruo le diphologolo tsa naga mo logoeleleng ka jaana dinoka di ne di kgadile.
Banni ba Ngamiland ke batho ba ba tshelang ka temo thuo, fa bangwe ba itshetsa ka go tshwara ditlhapi le gone go bapala tswii.
E ne ya re ngogola ka kgwedi ya Motsheganong, noka ya Thamalakane ya simolola go tshela, mme metsi a seka a kgona go fitlhelela mo mafelong a mangwe jaaka lephadiphadi la Ngami kwa Sehithwa.
Ya re ngwaga o ya bokhutlong, pula ya simolola go tshologa ka bokete, mme botshelo jwa tokafala ka bangwe ba ne ba simolola go pitokolola mmu mo masimong a bone, fa bangwe ba ne ba simolola go tshwara ditlhapi.
Mo potsolosong, bangwe ba balemi ba ne ba tlhalosa fa ngwaga ono o tlaa nna monamagadi.
Mongwe wa balemi, Mme Ntwala Ntema, yo o itshetsang ka temo ya Molapo kwa Matsaudi, o boletse fa ngwaga ono o tla nna wa kgora.
A re e rile fela pula e simolola go na ka bokete ka kgwedi ya Sedimonthole, a kopa ba ba nang le ditonki go mmeela ditemanyana go tshwara bokgola ka jaana noka e ba beileng mo go yone e ne e kgala. O boletse fa a kgonne go lema maphutshe, mmidi, magapu, maraka, marotse, dinawa le ntshe, .Mme Ntema a re temo e bogadi bo gaufi, mme fela e tlhoka tlhokomelo jaaka go tlhagola gore dijwalo di gole sentle.
A re kgwetlho ee ka kgoreletsang balemi ba molapo ke fa noka e ka tlala thata a bo e tlhatsa ka jaana metsi a ka bolaya dijwalo tsa bone.
A re e re ka bagoletse mo temong, mo malobeng ba ne ba dira lerako go thibela metsi go fetela kwa dijwalong, mme gompieno metlha ga se ya maloba.
Mme Ntema a re melao ya gompieno ga e letle ka jaana ba ba tlhokemetseng dinoka ba boletse fa marako a a thibelang metsi a sa letlelelwe ka jaana a kgoreletsa motsamao wa metsi go ya kwa mafelong a mangwe.
Le fa go ntse jalo, o boletse fa a ngomolwa pelo ke banana bangwe ba ba tsweletseng ka go rekisa lefatshe bogolo jang la temo.
O ikuetse mo bananeng go emisa mokgwao, a re ba tshwanetse go tlhaloganya gore temo ke yone botshelo.
Mme Ntema o boletse fa ka nako ya bone ba ne ba lema ba rekisa, mme ba kgone go ithekela leruo go tokafatsa matshelo a bone, mme a kopa banana go tsaya malebela. Molemi wa masimo a Mawana, Rre John Benn le ene o boletse fa monongwaga serudumo sa kgaolo se tlaa boela ka jaana bontsi bo ititeile sehuba go lema.
O boletse fa mathata e le bokgola jo bontsi ka jaana pula e na letsatsi le letsatsi, e bile bohekeetsa didirisiwa tsa temo jaaka megoma.
Rre Benn o ne a tlhalosa fa pula e tlaa oketsa le metsi mo dinokeng, mme banni ba tla a kgona go tshela. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MATSAUDI
Event : potsolotso
Date : 21 Jan 2021