Breaking News

Morero konokono mo ditlhabololong - Morwaeng

21 Jan 2021

Mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Kabo Morwaeng, a re ditlhabololo di tshwanetse go simolola kwa morafeng ka morero o o lolameng.

O buile se mo thuto puisanyong e e neng e rulaganyeditswe bogogi jwa motse le dikomiti tsa ditlhabololo, magosi le makhanselara ke khansele potlana ya Molepolole/Lentsweletau kwa Molepolole ka Mosupologo.

Mopalamente a re maikaelelo magolo e ne e le go rutuntsha ba ba-na-le-seabe ba ditlhabololo tsa motse ka karolo ya bone mo ditlhabololong tsa kgaolo.

Rre Morwaeng, yo ebileng e le Tona wa Merero ya Ofisi ya ga Tautona, Tsamaiso Puso le Bodiredi, o gakolotse gore ditlhabololo tse di dirwang mo kgaolong, di tshwanetse go bonala tsa bo tsa fetola matshelo a batho.

A re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a itse seabe sa gagwe mo go tlhabololeng motse kgotsa kgaolo.

E rile ba ntsha la bone, ba tsena thuto puisanyo ba supa fa dikomiti tsa ditlhabololo di ntse di seegetswe thoko fa go tla mo go direng di tlhabololo jaaka lenaneo la Constituency Community Projects.

Ba re dilo dingwe tsa lenaneo leo di ntse di sa dirwe sentle.  

Ba bile ba supa fa ba ngongoregela gore beng ba dikonteraka bangwe, ga ba duele badiri ba bone sentle.

Ba re go le gantsi morero o a dirwa kwa tshimologong, mme o felele mo tseleng ba bo ba bona fela dilo di diragadiwa ntleng le therisano.

Maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse one a ne a ngongoregela lemme le ba le fiwang, ba supa fa le lenyenyane thata, le ntswa tiro e ba e dirang e le ntsi.

Fa a akgela mo matshwenyegong a bone, mokwaledi wa khansele potlana ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Joseph Kgabanyane o ne a re e re le ntswa morero o tswa kgakala o dirwa, COVID-19 e kgoreleditse ditsamaiso dingwe jaaka diphuthego tsa go rerisanya le morafe. 

O ne a solofetsa gore maiteko a go rerisanya le morafe a tlaa tokafadiwa.

A re le ntswa mabaka a bone a utlwala, khansele le yone e tshwenngwa ke gore banni ba kgaolo le bone ba rotloetsa dilo dingwe tse di duleng mo tseleng fa go tla mo go abiweng ga ditiro tsa ditlhabololo.  

A re beng ba dikonteraka bangwe ba kgona go thapa batho ba ba tswang go sele go dira ditiro tseo.  A re go dira jalo ga go ka fa tsamaisong.

Rre Kgabanyane a re khansele e na le dikgwetlho tse di ntsi fa go tla mo go direng ditlhabololo, mme dingwe tsa tsone jaaka tlhaelo ya beng ba dikonteraka ba ba ithutetseng tiro.  

A re letlhoko la madi le lone le kgoreletsa go atologa ga ditlhabololo ga mmogo le go tlhoka lefatshe.  Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Molepolole

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Jan 2021