Breaking News

Banni ba Mokobeng ba lela ka metsi

21 Jan 2021

 Boeteledipele jwa Mokobeng kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami bo lela ka letlhoko la metsi, selo se ba supileng se le borai mo nakong e ya segajaja sa COVID-19.

Ba ne ba bua mo phuthegong ya kgotla ee neng e biditswe ke mopalamente wa kgaolo, Dr Kesitegile Gobotswang bosheng. 

Mme Meleko Ngwepe o tlhaloseditse mopalamente gore ditanka tsa jojo tse ba fiwang metsi ka tsone ga di a lekana, a supa fa bone mo ntlheng e nngwe ya motse ba sena jojo gotlhelele mme ba tlamega go kopa metsi mo go ba bangwe gore bogolo bana  ba kgone go ya sekoleng. 

Rre Jack Ngwepe ene a re letlhoko la metsi le ba paledisa go sala molawana wa COVID-19 morago wa go tlhapa diatla kgapetsa kgapetsa. 

Rre Ngwepe o supile gore seo se ba baya mo diphatseng tsa go ka tsenwa ke mogare wa corona.

Fa a ntsha la gagwe, Dr Gobotswang o boleletse banni ba Mokobeng gore go na le lenaneo la go ba gokelela metsi go tswa kwa Mahalapye. 

A re maiteko ao a tlaa diegisiwa fela ke kgaogo ya motlakase e e diragalang mo kgaolong ya bone kgapetsa kgapetsa. Mokhanselara wa kgaolo  Rre Joseph Molamu, o kopile gore mo ditseleng tse di senyegileng mo go baakanngwe fa go senyegileng teng fela, go na le go baakanya tsela yotlhe bogolo jang mo nakong e go senang madi e.

Rre Molamu o supile gape gore mo boemong jwa dipone tse di dirisang motlakase, go botoka tse di dirisang marang a letsatsi ka di sa ture thata. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Pulamoeng

Location : MOKOBENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Jan 2021