Melawana ya COVID-19 ke ya mongwe le mongwe
20 Jan 2021
Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks, o kopile banni ba kgaolo eo go obamela melwana ya COVID-19 ka dinako tsotlhe.
Rre Brooks o boletse fa kiletso mesepele ya nako eno, e diretswe go sireletsa setshaba e bile e tlama mongwe le mongwe.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Struizendam bosheng, mopalamente o ne a tlhalosa fa mogare wa corona o tsere phekelo e sele, mme mongwe le mongwe a tshwanetse go tsaya boikarabelo le go gakolola bangwe ka ene ka melawana ya botsogo.
Mo go tse dingwe, Rre Brooks o ne a kgothatsa maloko a BORAVAST Trust go tsosolosa lekgotla leo go oka bajanala.
A re kgaolo ya Kgalagadi Borwa e humile ditsa-tlholego tse di ka tokofatsang matshelo a bone.
O ne a supa fa BORAVAST Trust, e e tlhamilweng ka 2002, e tshwanetse go tsaya boikarabelo ka banni ba beile tshepo mo go yone.
O boletse fa tsholofelo e le gore puso e thuse lekgotla leo ka madi, mme ba tshwanelwa ke go itshekatsheka pele gore madi a seka a wela ka motlhobodika.
Rre Brooks o ne a kopa banni ba kgaolo go goga le ene gore ba diragatse moalo wa ditlhabololo, bogolo jang go tsosolosa mhama wa bojanala. Mo go tse dingwe, o ne a ngongorega ka maduo a lekwalo la bosupa a ngogola, a re a wetse kwa tlase, mme a gwetlha batsadi le boeteledipele ja motse go nna le seabe mo thutong ya bana ba bone ka go etela sekole.
Banni bangwe ba Struizendam ba ne ba supa fa ba tlhorontshiwa ke ditau tse di ba jelang leruo.
Ba ne gape ba ngongorega ka lefelo la diphologolo la KD 15 Transfrontier Park, le le kopanetsweng ke Botswana le Aferika Borwa, ebile le le gaufi le motse wa bone ba re ga le ba sololegele molemo.
Rre Gert Estruhuizen ene o ne a ngogorega ka lenaneo la LIMID a re puso e fokoditse palo ya dihutshane tse di abelwang batho morago ga go tsholetsa ditlhwatlhwa, selo se a reng se baa barui ka fa mosing.
Komiti ya ditlhabololo e ne ya leboga puso ka ditlhabololo tse di akaretsang matlo a batlhoki, paakanyo ya matlo a komiti eo le tse dingwe.
Kgosi Isaac Titus o ne a kopa puso go tshela sekonotere tsela e e fa gare ga Bokspits le Struizenadam sekontere. O supile fa seo se ka tlhofofatsa le go fefosa go goroga ga ditirelo tsa puso kwa setshabeng BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : STRUIZENDAM
Event : phuthego ya kgotla
Date : 20 Jan 2021