Breaking News

Khansele e rotloediwa go dirisa madi ka kelelelo

20 Jan 2021

Modulasetilo wa komiti ya madi kwa khanseleng ya Kgalagadi, Rre Kemmonye Makatane, o kopile khansele go dirisa madi a e abetsweng sentle, segolo bogolo mo ditirong tsa botlhokwa ka puso.

Rre Makatane o buile se bosheng mo phuthegong e e haphegileng e maikaelelo a yone e neng e le go lekodisa makhanselara ka kgaoganyo ya madi.

Fa a ntsha pego ya madi, Rre Makatane, yo gape e leng mokhanselara wa Kang Bokone, o tlhalositse fa madi a a abetsweng khansele a ka tshwara P419 million, mme a fokotsegile ka selakanyo sa P195 144 900 kana 47 per cent, selo se a reng se tlaa ama ditiro dingwe tsa puso tse di neng di tshwanetse go dirwa.

A re se, se tlama khansele go dira ditiro tse di botlhokwa fela le go fokotsa ditshenyegelo.

A re selekanyo sa P108 734 080, se tlaa dirisiwa go duela badiri ba khansele ba le 984, mme a kopa gore madi aa kolotiwang khansele ke setshaba a phuthiwe.

Fa a tsibogela pego, mokhanselara wa Draaihoek/Makopong, Rre Moses Chimbombi, o supile fa badiri ba khansele ba tshwanelwa ke go fokotsa ka fa ba dirisang madi ka teng mo ditirong tsa letsatsi le letsatsi.

A re madi a dituelo tsa babereki ba khansele a kwa godimo mme a ba gwetlha go tsenya marapo dinameng, go ntsha maduo mo tirong. Rre Chimbombi a re go mo maruding a makhanselara go buisana le morafe go duela dikoloto tsa khansele go thusa fa go tlhaelang teng.

O kopile gape gore go batliwe madi go tlatsa a a leng teng mo matloleng a akaretsa la Ipelegeng le la madi a dikgaolo .Mokhanselara yo o itlhopetsweng, Rre Nkatlholang Simane o tlhalositse fa kwa dikoleng go tlhokega ditsidifatsi (cold room) go baya merogo le maungo mme go lebega di tlaa seke di bonale ka lebaka la tlhaelo ya madi.

Go le pele mo mafokong a gagwe a kamogelo modulasetilo wa khansele ya kgalagadi Rre Hendricks Jacobs o ne a supa fa madi a fokoditswe ka lebaka la mogare wa Corona o o apesitseng lefatshe kobo ka letshoba ka di palo tsa ba ba amegileng di tsweletse ka go gola.

O kopile maphata go dirisa ditsompelo mmogo gore ba kgone go gorosa ditirelo di goroge kwa setshabeng ka nako. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : phuthego

Date : 20 Jan 2021