Breaking News

Leuwe o kopa banni go itshireletsa

20 Jan 2021

Mopalamente wa Takatokwane, Rre Friction Leuwe, o kopile banni ba Sorilatholo le Kaudwane go itshireletsa mo mogareng wa corona.

E rile a bua mo bokopanong jwa boeteledipele jwa metse eo ka Mosupologo, mopalamente a tlhalosa fa COVID-19 e simolotse go tsaya phekelo e sele mme go mo boikarabelong jwa Motswana mongwe le mongwe go diragatsa dikgakololo tsa botsogo le go sala morago melawana e e beilweng. 

Rre Leuwe a re Batswana ba tshwanetse go itse fa sejaja se ise se fenngwe, mme go tlhapa diatla kgapetsa kgapetsa, go rwala dibipa melomo le nko ga mmogo le go katologana ka dinako tsotlhe.

A re nako e tsile ya gore batho ba itse gore botshelo ga e sa tlhole e le jwa maloba mme ba diragatse se puso e se ba kopang.

Rre Leuwe a re e rile bolwetse joo bo simolola, Botswana a dira tsotlhe go rurifatsa gore Batswana ba babalesegile mme ebile dipalo di nna kwa tlase. 

A re sebe sa phiri e nnile malatsi a botsalo jwa Morena le ngwaga o mosha, ha go supegang dipalo tsa segajaja di ne tsa anama.

Le fa go ntse jalo, mopalamente o ne a supa fa a itumelela boitshwaro jwa banni ba metse eo ka ba sala melawana ya COVID-19 morago mme a ba kopa gore ba tswelele ba dire jalo ka seo se tlaa boloka matshelo a bone.

Mopalamente o ne a itsise banni ba metse eo ka melao e le mebedi ee fetisitsweng ke palamente e e sa tswang go wela e leng molao wa go huduga ga mapalamente mo diphathing tsa bone le wa go anamisa maina a badira melato ya kgokgontsho ya bong.

A re molao wa go huduga ga mapolotiki o tlaa thusa go sireletsa maikutlo le dikeletso tsa batlhophi.

Rre Leuwe a re yo o hudugang o tlaa patika gore go dirwe ditlhopho tsa kgaolo eo. 

Mopalamente a re Botswana o faraferwe ke dikgang tsa kgokgontsho ya bong bogolo jang ya bomme le bana ba basetsana mme molao wa go kwala badira melato ba kgokgontso ke tsela nngwe ya go lwantsha le go emisa kgokgontsho.

A re ka jalo ba ba dirang melato ya kgokgontsho batla kwalwa mo bukeng eo mme setshaba se tla itse gore ke bomang. 

E rile ba mo kgwa dikgaba, banni ba Sorilatholo ba supa fa basa jesiwe diwelang ke seemo sa kokelo ya bone  e se mo seemong se se sa itumediseng. 

Mongwe wa banni ba Sorilatholo, Rre Orebotse Pule, a re kokelo ya bone e tshwanetse ya atolosiwa e be e  fiwe  baoki baba lekaneng gore ba thusana tiro. 

A re mo nakong ya gompieno baoki ba babedi mme go nna le mathata fa yo  mongwe a seyo mme gongwe yo o teng a bo a nna le mathata a a mo paledisang go ya tirong mme seo se dire gore kokelo e sale e sena mooki. 

Kgosi wa Sorilatholo, Rre Olebetswe Phemelo, o ne a  kopa koloi ya kokelo ya bone ka e sale e tserwe go twe ba tlaaa batlelwa e nngwe mme nako kgolo ke eno. 

O ne a kopa gore ba thusiwe go baakanya tsela ka e le mo seemong  se se sa jeseng diwelang.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : SORILATHOLO

Event : phuthego ya kgotla

Date : 20 Jan 2021