Batswana ba gakololwa go dirisa madi ka manontlhotlho
20 Jan 2021
Mogakolodi wa madi kwa lekgotleng la Financial Literacy Trust Botswana, Rre Taolo Israel, o gakolotse Batswana go itse fa dinako tsa kiletso mesepele di ka ba thusa go boloka madi.
Mo puisanong le babega dikgang mo Gaborone ka Labobedi, Rre Israel o rotloeditse Batswana gore ba seka ba ikimetsa dikoloto.
A re go botlhokwa go sekaseka ditshwetso tse ba di tsayang segolo bogolo tse di itebegantseng le madi go itsa go senyegelwa kgotsa go latlhegelwa ke madi mo go sa tlhokafaleng.
Rre Israel o gakolotse Batswana go beeletsa mo go tsa papadi le madirelo go re ba nne le bokamoso jo bo tokafetseng.
Fa a ntsha la gagwe, Rre Seatla Ratshosa wa Ignyt Wealth o supile botlhokwa jwa go godisa bana ba ba nang le boikarabelo ka madi.
A re kgwebo ya gagwe e ikaeletse go tsenya letsogo mo dikoleng, go ruta bana ba sa le ba botlana ka madi le dikgwebo.
Rre Ratshosa a re e maikaelelo a Ignyt Wealth ke go ruta batho ka go itshetsa le go dira dikgwebo le fa madi a seo ka go na le dikgwebo tse di ka tlhamiwang le fa seemo se ntse jalo.
Bobedi joo, bo supile fa go le botlhokwa go tlhama dikgwebo le go nna le dipolokelo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Marvin Motlhabane
Location : Gaborone
Event : Bokopano
Date : 20 Jan 2021