Segajaja se ruta mogwebi go tswakanya kgwebo
20 Jan 2021
Mme Mokupi Namayammu wa Palapye a re segajaja sa COVID-19 se mo rutile go tswakanya kgwebo le go boloka madi.
Mme Namayammu, yo e neng e le morutabana, a re o simolotse go bereka ka maikaelelo a go kgobokanya madi go itlhamela kgwebo
O tlhalositse fa e le moroki, e bile a tlhamile khamphani e e bitswang MK Fashion Design ka ngwaga wa 2016.
O roka mesese, dihutshe, disutu, paka ya bana ya sekole, gareng ga tse dingwe.
Mme Namayammu a re kgwebo e na le dipoelo ebile e fetotse botshelo jwa gagwe fela thata ka ga a nke a lala ka tlala.
“Ga ke a ikaega ka kgwebo ya go roka fela, ke feletse ke simolola kgwebo ya go rua dikoko le go lema ditlhare ka ke ne ke bona kgwebo ya go roka e sa tlhole e tsenya madi ka mabaka a COVID-19”, a tlhalosa jalo.
O supa fa bareki ba amogetse kgwebo ya gagwe fela thata ka gantsi a ipapatsa mo maranyaneng. A re bontsi jwa bareki ba gagwe ba tswa kwa dikgaolong tse di mabapi le Palapye go tla go rotloetsa kgwebo ya gagwe.
Mme Namayammu o supa fa kgwetlho e tona e le ya barekisi bangwe ba mafatshe a sele ba ba rekisang diaparo tse di ratileng go tshwana le tse a di rokang le ntswa di farologana ka boleng le tlhwatlhwa ee kwa tlase..
“Ke simolotse go tswakanya kgwebo ke lebile botlhale jo ke bo antseng morago ga bothata jwa COVID-19 jwa gore motho ga a tshwanela go lebagane le kgwebo e le nngwefela, gore fa e nngwe e sa dire sentle, motho a ikaege ka e nngwe,” Mme Namayammu a gakolola.
O kopile batho go dirisa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo dikgwebong, go atolosa dikgwebo tsa bone eseng go di le sa di phuthama. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Segojame Ikgopoleng
Location : Palapye
Event : potsolotso
Date : 20 Jan 2021