Kaudwane o lela ka terata ee senyegileng
20 Jan 2021
Banni ba Kaudwane kwa kgaolong ya Takatokwane ba lela ka terata ya lefelo la diphologolo la Central Kalahari Game Reserve (CKGR) e e senyegileng.
E rile Kgosi Tsholo Segwaba a amogela baeng mo phuthegong e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo, Rre Friction Leuwe ka Mosupologo, a supa fa ditau di ba feleditse leruo ka di tlhaga mo terateng eo. O ne a kopa mopalamente go ba kopela thuso gore terata eo e baakanngwe ka jaana ba ya go sala ba sena leruo ka ntata ya ditau.
Kgosi Segwaba a re barui ba kgaolo eo ba nna mo selelong sa go latlhegelwa ke leruo.
A re morafe o ikuela mo go ene kgapetsa kgapetsa ka tshenyo e e bakilweng ke ditau tseo.
”Mongwe o ne a tsile fa maabane, mme a supa fa ditau di mo jetse dipodi di le lesome le bobedi. ,” ga bua Kgosi Segwaba.
E rile Mopalamente Leuwe a mo araba, a supa fa a boditse potso kwa palamenteng go leka go fefogela go thusa selelo sa bone.
A re mme karabo e a neng a e fiwa ke gore lephata le le maleba le itse ka seemo sa terata mme sebe sa phiri ke gore ga ba na madi a go e baakanya.
Rre Leuwe o ne a supa fa kgang ya madi e ba jesetsa mo kgobedung ka e le one a ka thusang gore terata eo e baakanngwe le ntswa bone ba tsweletse ka go latlhegelwa ke leruo.
Monni wa motse, Rre Pogiso Ithuteng, a re nngwe ya ditharabololo tse puso e ka di sekasekang ke go baakanya terata eo fa e senyegileng teng go thibela diphologolo.
A re fa madi a seyo, sengwe se tshwanetse sa dirwa go thusa barui le go sireletsa matshelo a batho le go hema go jewa ga leruo la bone.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Kaudwane/ Sorilatholo, Rre Gopolang Segwaba, a re puso e tshwanetse ya tswa ka tsela ya go bona gore e thusa barui jang.
A re leruo ke lone mokwatla wa itsholelo ya banni ba motse oo, mme fa diphologolo di ba senyetsa, di bolaya khumo ya bone.
Rre Segwaba o ne a supa fa go le botlhokwa go tsibogela go thusa setshaba go baakanya terata eo gore ditau di seka tsa dira tshenyo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Kaudwane
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 Jan 2021