Breaking News

Molato wa matshosetsi a polao o a gola

19 Jan 2021

Moanamisa mafoko wa sepodisi sa Botswana, Rre Dipheko  Motube,  a re  ga a itumedisiwe ke go bona melato ya matshosetsi a polao e golela pele.

O buile jalo mo potsolotsong bosheng. 

A re go setse go gatisitswe melato ya matshosetsi a polao e le masome a mane le botlhano. 

Rre Motube a re  ngwaga oo fetileng mo nakong e, gone go  gatisitswe dipalo di le masome a mararo le borataro tsa molato o.

A re mangwe a mabaka a tlhotlholetsang kgolo ya melato eo ke dikgotlhang tse di tlhagogang fa gare ga baratani le banyalani ga mmogo le diphaphang tsa selegae fa gare ga masika.

Rre Motube a re tirisano mmogo fa gare ga setshaba le mapodisi e ka thusa go senola dikgang tse ka jaana batho ka bontsi ba setse ba na le kitso ka go ikuela fa ba lebanwe ke kgwetlho eo.

Rre Motube a re molato o, o ama bagolo le banana mme sebe sa phiri ke gore fa mapodisi a dira maiteko a go latedisa kgang, baikuedi bangwe ba felela ba kopa go tsholola dikgang. 

A re kotlhao ya molato o wa matshosetsi a polao e akaretsa go tsenngwa mo kgolegelong  lebaka le le sa feteng dingwaga di le lesome.

Mo go tse dingwe, Rre Motube o ne a supa fa ba lemogile gore bangwe ba tsweletse ka go inaakanya le thekiso ya majalwa a setso le a sekgowa le ntswa thekiso ya majalwa e santse e sa letlelelwe.

A re fa e sale kgwedi eno e simolola go fitlha mo nakong eno, go tshwerwe batho ba le masome a mane ba ba neng ba rekisa bojalwa kwa malwapeng, go supa fa majalwa ao a ne a tswewa kwa dibareng. 

A re  ba le masome a mararo le bone ba ne tshwaretswe go titiela majalwa a setso.

Rre Motube a re seo se busetsa maiteko a puso morago tebang le go lwantsha kanamo ya mogare wa COVID-19. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : Gaborone

Event : Potsolotso

Date : 19 Jan 2021