Breaking News

Norris o kgothatsa dikgosi go ikoketsa dithuto

19 Jan 2021

Mogokgo wa unibesithi ya Botswana, Professor David Norris, o kgothaditse maloko a Ntlo Ya Dikgosi go inaakanya le go tsweledisa thuto tsa bone.

Fa a bula ithutuntsho ya maloko a Ntlo Ya Dikgosi mo Gaborone  ka Mosupologo, Professor Norris o boletse fa unibesithi e le mo thulaganyong ya go dirisana le dikgosi mo go tsa  dipatlisiso.

O tlhalositse gore mo nakong ee fetileng, dipatlisiso di ne di sa kgone go tokafatsa matshelo a batho ka di ne di remeletse mo baruteging le batlhatlhelela dithuto go na le go akaretsa  ba ba direlwang ditlhabololo.

Professor Norris a re dikgosi di botlhokwa thata ka ke tsone di ka kopanyang morafe le puso.

A re ka jalo go botlhokwa gore dikgosi di tsenye letsogo mo go fetoleng lefatshe leno go nna la itsholelo e ikaegileng ka dikitso.

O tlhalositse fa dikgosi e le tsone bagakolodi ba dikitso tsa bogologolo tse unibesithi e ka di dirisang go tswa ka ditlharabololo tsa mathata a setshaba.

Ke ka moo a neng a kgothatsa dikgosi go tswelela ka go ikoketsa dithuto gore ba kgone go lepalepana le diphetogo.

Modulasitilo wa Ntlo ya Dikgosi, Kgosi Puso, a re dikgosi di tlhoka go tlhatlhelelwa ka dikitso gore ba kgone go nna le seabe se se bonalang mo ditlhabologong tsa lefatshe.

Kgosi Puso a re ithutuntsho eo, e tla thusa dikgosi gore di kgone go lebelela, le go dira dilo ka pharologanyo.

A re go nna le dikitso go ka thusa dikgosi  gore di tsamaisane le balekane ba bone lefatshe ka bophara le go ba fa seriti.

A re ithutuntsho eo e tla thusa dikgosi go tswa ka ditsela tse disha go thusa setshaba se ba se eteletseng pele.

O ne a lebogela tshwaragano ya dikgosi le unibesithi, a tlatsa ka gore tshwaragano le makalana a dithuto tse di ko godimo e tla thusa gore ba tswe ka ditlharabololo bogolo jang fa gona le mathata mo setshabeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : Gaborone

Event : Ntlo Ya Dikgosi

Date : 19 Jan 2021