Breaking News

Mogokgo o kgala batsadi ba ba tlogedisang baithuti sekole

19 Jan 2021

Mogokgo wa sekole se se potlana sa Dimajwe kwa kgaolong ya Legare, Mme Peninah Mandase, o kgadile batsadi ba ba ntshang baithuti mo sekoleng gore ba ye go bapala maungo le digwere tsa naga.

Mo potsolosong ka Mosupologo, Mme Mandase o boletse fa ba duba thankga ka nako ya go bapalwa ga maungo a naga le phane. 

Mogokgo a re morago ga pula ya bosheng, naga e kgabile ka moretlwa, mogwana, moseme, mogorogorwana, mmilo, maboa, morojwa, diroa, mokgalo, mompudu, morotologa le digwere, mme seo se dira gore bana ba sekole le batsadi ba bonwe ba unyalala le dikgwa go di bapala.

Mogokgo a re bana bangwe ba basetsana ba dingwaga tse di kwa tlase ba ntshiwa mo sekoleng gotwe ba ya go nyalwa. 

O boletse fa batsadi ba sa rate go tshwaraganela thuto le barutabana, a bolela fa bogogi jwa sekole bo bitsa diphuthego tsa batsadi le barutabana, mme ba itshele moriti o tsididi fela.

Mme Mandase o boletse fa batsadi ba palelwa ke go ntsha madi a ditlhabololo a sekole, le mororo bangwe ba dira kwa Ipelegeng fa bangwe ba amogela madi a bagodi.

A re sekole sa Dimajwe ga se dire bontle mo ditlhatlhobong tsa mphato wa bosupa ngwaga le ngwaga, a supa fa ka 2019, ba bone 29 per cent, mme ka 2020 ba pasitse ka 37.8 per cent.

O boletse fa sekole seo se na le barutabana ba le lesome le boferabobedi, go balelwa le ba nama-o-sa-tshwere, a tlhalosa fa maroko le o ne a siame go sena bothata.

A re sekole se kgona go nna le baithuti ba le makgolo a matlhano, mme dipalo dinna di oketsega, mme di fokotsega ka go tswa le go boela ga baithuti.

Mme Mandase o boletse fa ba tsenya bana ka go ba fapaanya, bangwe ba tsena maphakela, bangwe motshegare, go obamela melawana ya COVID-19.

A re bana ba obamela melawana eo ka botswapelo, ba rwala dibipa melomo le dinko, ebile ba itse go katologana le go tlhapa diatla.

A re baithuti ba ja gabedi ka letsatsi. Le fa gontse jalo, mogokgo o boletse fa ba tshwenngwa ke bommamamanthwane le merubisi kwa matlwaneng a borutelo.

A re dipeba le dithora le tsone di iphile maatla kwa ntlong ya boapeelo, di phunya dikgetsi tsa dijo, mme ba felela ba tlamega go latlha dingwe tsa tsone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : DIMAJWE

Event : Potsolotso

Date : 19 Jan 2021