Tlhokomelang masimo - Gobotswang
19 Jan 2021
Mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang, o rotloeditse balemi go tlhokomela dijwalo tsa bone.
O buile se fa a buisa phuthego ya ditlhogo tsa maphata le boeteledipele jwa motse kwa Pilikwe ka Mosupologo.
A re balemi ga ba a tshwanela go lema ba bo ba itlhokomolosa masimo.
Dr Gobotswang o kopile balemi go nna podi matseba, mme ba batle dikitso mo balemiseng gore ba nne le kitso ka ga lwantsha diji gore ba kgone go sireletsa dijwalo.
Rre Galefele Tautona, yo e leng molemisi kwa Pilikwe, o ne a tlhalosa ka borai jwa seboko sa segopa mo dijwalong.
A re seboko sa segopa se rata thata sika loo bojang jaaka mmidi le mabele, mme a kopa balemi gore ba se ele tlhoko thata.
Rre Tautona o tlhaloseditse balemi gore ba tlhagole masimo a bone le go ela tlhoko mae a seboko seo mo mogwang wa dijwalo tsa bone.
Fa a ntsha la gagwe, Kgosi wa Pilikwe, Kgosi Gasebalwe Seretse, a re leobo la kgotla ga le mo seemong se se siameng ka gore fa go le dipula metsi a tsena ka marulelo.
Kgosi o supile gape fa go na le tlhaelo ya dikgosi ka jaana a patelesega go bereka metse e mebedi; Pilikwe le Mhalapitsa, mme seo se bake tiego ya ditiro dingwe.
A re dikgotlana tse dingwe di tlhaela ka dikgosi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Pulamoeng
Location : PILIKWE
Event : bokopano
Date : 19 Jan 2021