Breaking News

Kgwediso ka seatla ya dihutshane ga e kgonagale

18 Jan 2021

Mogokaganyi wa ditirelo tsa lephata la tlhabololo temo thuo kwa kgaolong ya Kgalagadi, Mme Hilda Motsipa, a re lephata ga lena maikaelelo a go simolodisa kgwediso ka seatla ya leruo le le botlana kwa polaseng ya Phuduhudu.

Mme Motsipa o ne a tsibogela kopo ya morui, Rre Nonofo Bareeleng, gore polase eo e baakangwe ebo e simolole go amogela leruo le le botlana.

O tlhalositse kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke Tona wa Lephata la Tlhabololo Temo Thuo le Dijo, Rre Karabo Gare bosheng gore kgwediso ka seatla mo leruong le le botlana e batla boitseanape jo bo kwa dimo ebile e dirwa ke dingaka mme seo se ka turela puso.

O tlhalositse fa go se botlhokwa go simolodisa kgwediso ka seatla mo leruong le le botlana ka gore letsalo la lone le atla sentle bogolo jang fa go na le tlhokomelo e e siameng.

Mabapi le go abiwa ga dipeo, bangwe ba supile fa di tsile morago ga nako mo ba siilweng ke bokgola fa bangwe ba re tiriso ya coupon kwa marekisetsong a dipeo go sa ba berekele ka marekisetso a go nna jalo a seo mo dikgaolong tsa bone.

Ba kopile puso go nna yone e abang dipeo gona le gore ba bo ba dirisa dicoupon. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : Kang

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Jan 2021