Breaking News

LEA e tsweletse ka go rotloetsa dikgwebo

18 Jan 2021

Go namola dikgwebo tse di potlana mo manokonokong a COVID 19, lekalana la Local Enterprise Authority (LEA) le simolodisitse lenaneo la go abela dikgwebo dingwe P1 000 oo sa busiweng.

Mo potsolotsong bosheng, mogolwane wa tsa bodiredi le ipapatso kwa LEA, Mme Boikhutso Kgomanyane, a re ka go lemoga ka fa COVID 19 e amileng dikgwebo potlana ka teng ba ne ba tswa ka thulaganyo ya go namola dikgwebo le go rotloetsa bagwebi go tswelela ba le mo kgwebong.  Mme Kgomanyane o gakolotse bagwebi ba ba amogetseng molaetsa mo mogaleng wa letheka go tswa kwa LEA, gore ba ikopanye le ofisi ya LEA kgotsa motlobo wa dibuka o o gaufi le bone go tsenya dikopo.

A re bagwebi gape ba ka tsenya dikopo ka go dirisa tsebe ya LEA ya maranyane (website).

O ne gape a tlhalosa gore go bona thuso, mogwebi o tshwanetse go tla ka moriti wa Omang oo netefaditsweng le sesupo sa gore o na le kgwebo e potlana, ka jalo sengwe sa tse di  tlhokafalang e le Hawkers license kgotsa  mokwalo wa maikano (affidavit) o o rurifaditsweng ke ba sepodise kgotsa Kgosi.

Mme Kgomanyane o gakolotse fa dipampiri tsa ikopelo le maikano di ka bonwa mo tsebeng ya LEA ya www.lea.co.bw/publications kgotsa kwa ofising ya LEA e e gaufi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Marvin Motlhabane

Location : Gaborone

Event : Potsolotso

Date : 18 Jan 2021