Breaking News

Banni ba batla ditlamelo

18 Jan 2021

Banni bangwe ba Ramokgwebana, ba supile khansele ya Bokone Botlhaba ka monwana ba re e maoto a tshupa go isa ditlamelo kwa bathong.

Ba buile jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Simon Moabi bosheng. 

Ba re khansele ga e dire mo go lekaneng go thusa batho ka fa go solofetsweng ka teng. 

Ba tlhalosa fa e sale e solofeditse go neela badiri ba Ipelegeng, bogolo jang ba ba thusang go phepafatsa kwa dikolong, diaparo tsa itshireletso mme nako kgolo ke eno.

Ba re le tsone dituelo tsa Ipelegeng di duelwa morago ga nako, mme go sena tlhaloso epe e ba e fiwang.

Banni ba ne ba tlhalosa fa matshwao mangwe a a supang melolwane ya motse wa bone le metse e mengwe a sa tlhongwa fa go tshwanetseng. Ba tlhalosa fa matshwao ao a tlhomilwe fa gare ga motse wa bone.

Ba ne gape ba ikuela ka tsela e e tswang fa kgotleng e ya kwa kokelong ya motse, ba re e mo seemong se se sa jeseng diwelang.

Rre Menton Tshware ene o boletse fa kgaolo ya Bokone Botlhaba e sa supe e le kgaolo e e feletseng, ka le jaana e santse e ikaegile ka ditirelo dingwe kwa Francistown.

Rre Wazha Malomo ene o ne a kgala bodiredi jwa lephata la Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao jwa kgaolo eo, a bolela fa ba sa beye leitlho mananeo a banana fa ba sena go ba thusa, selo se a boletseng se na le seabe mo go phutlhameng ga mananeo mangwe a banana.

A re o makadiwa gape ke go bo bodiredi bo ntse moriti o tsididi, ka bo se nke bo ipha matsapa a go etela metse, go tlhatlhelela banana ka mananeo a bone. A re o lemogile fa banana ka bontsi ba sena kitso epe tebang le mananeo ao. Fa araba mabapi le matshwenyego mangwe a banni, mothusa mokwaledi wa khansele ya Bokone Botlhaba, Mme Goabaone Molefe o ne a tlhalosa fa khansele e dira bojotlhe go isa ditlamelo kwa bathong.

O ne a tshepisa banni ba Ramokgwebana fa diaparo tsa itshireletso di tla goroga mo nakong e e sa fediseng pelo, a tlhalosa fa tiego e ne ya bakiwa ke go bo dithoto dingwe di rekwa kwa mafatsheng a sele.

Fa araba mabapi le seemo sa tsela, Mme Molefe o boletse fa bontsi jwa ditsela tsa kgaolo le lefatshe leno ka bophara di sa nna sentle, ka ntlha ya dipula tse di tsweletseng ka go na, a tlatsa ka gore mo nakong eno ga go sepe se se ka dirwang, ka jaana e tla bo e le go baka tshenyo e e feteletseng mo go tsone.

Mabapi le kgang ya melolwane, mothusa mokwaledi o solofeditse banni fa a tla e fetisetsa kwa lekgotleng la kabo ditsha la Tati.

Fa a latlhela la gagwe, Mopalamente Moabi o ne a rotloetsa maphata ka go farologana go nna ba etela metse go utlwe matshwenyego a banni, go na le go bonala koo fela ka nako ya diphuthego tsa mopalamente.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Ramokgwebana, Rre Godfrey Smile ene o gakolotse banni ka botlhokwa jwa go lebisa maphata a a lebaneng fa ba lemoga dilo dingwe tse di sa tsamayeng sentle, ntle le tiego epe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Ramokgwebana

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Jan 2021