Kgaolo potlana e lela ka seemo sa mogare
17 Jan 2021
Mookamela lekalana la botsogo kwa kgaolong potlana ya Tutume, Dr Ivan Kgetse, o kopile setshaba go obamela melawana ya COVID-19.
Dr Kgetse o boletse mo potsolotsong go re go simolola ka kgwedi ya Mopitlo ngogola go fitlha kgwedi ya Hirikgong monongwaga go tlhatlhobilwe batho ba le 676, ba le 76 ba fitlhetswe ba na le mogare, fa ba roba bongwe e le dikgang tse disha.
A re se se neng sa ba tshosa go feta ke go runya ka ponyo ya leitlho ga dipalo tsa mogare kwa Gweta kwa go kwadisitsweng dipalo di le masome mararo le bone.
A re go nnile le mongwe kwa Gweta, yo o tlhokafetseng mabapi le mogare oo, ka a ne a na le makoa a mangwe a ntseng a tshela le one.
Dr Kgetse a re ba lemogile fa kanamo e dirilwe ke metsamao ya batho go tswa kwa lefelong le lengwe go ya kwa go le lengwe.
A re seo se supilwe ke dipalo tse di neng tsa ya magoletsa ka kgwedi ya Sedimonthole le Hirikgong, ka e ne e le ka malatsi a boitapoloso le ntswa ba botsogo ba ne ba kopile batho go nna mo lefelong le lengwe, go leka go laola kanamo ya mogare.
Ka jalo o kopile setshaba go tsibogela ditlhagiso tsa badiri ba botsogo gore ba se thanye le le tsebeng.
Dr Kgetse o ne a supa fa dipalo tsa mogare di tsweletse ka go gola letsatsi le letsatsi, ka jalo a kopa setshaba go itlhokomela gongwe le gongwe fa ba leng teng go itsa kanamo ya mogare.
Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : potsolotso
Date : 17 Jan 2021