Molemi o bulela banana pelo
17 Jan 2021
Molemi wa merogo kwa Mogorosi kwa kgaolong ya Legare, Rre Mahutsana Kemo, o rotloeditse banana go tsaya malebela kwa go ene.
Rre Kemo o ntshitse kgothatso e kwa thuto pusanong e e neng e rulagantswe ke mopalamente wa Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi le mokgatlho wa Tlholego Foundation kwa Thabala ka Laboraro.
Rre Kemo, yo o itsegeng ka go rekisa merogo kwa Serowe, Palapye, Letlhakane le Orapa, o rekisetsa dikgwebo tse ditona jaaka Choppies, Spar gammogo le tse di potlana, bagwebi ba ba mo mebileng, dikole le batho ka bongwe ka bongwe.
O kgothaditse banana ba a bolelang ba le dipelo dikhutshwane ka kgwebo, go tla go anya kitso kwa go ene mahala.
Rre Kemo o tlhaloseditse banana ba ba batlang go simolola, ba dikgwebo tsa bone di phutlhameng le ba ba tsweletseng gore o simolotse a dirisa madi a gagwe morago ga go tlogela tiro kwa bankeng.
A re o simolotse ka tema e le nngwe ka 2018, ya re ngwaga o o latelang a oketsa a lema di le nne.
Morago a re o ne a kopa dithuso kwa go ba temo thuo, a thusiwa ka ditsompelo jaaka diphaephe, ledibela la metsi le go mo phunyetsa sediba mo tshimong.
A re bopelotelele jwa gagwe bo ne ba mmusetsa ka kgwebo e ne ya gola a bo a thapa babereki ba le masome a mabedi le botlhano.
Rre Kemo a re ga nke a katoga kgwebo ya gagwe, a supa fa le yone fela jaaka dikgwebo tse dingwe, e na le dikgwetlho tsa letsatsi le letsatsi mme go batla bopelotelele.
Kgwetlho ya ntlha ke kwa marekisetsong ka bareki ba batla go ipeela ditlhotlhwa tsa bone, tse di kwa tlase, ba sa akanye ditshenyegelo tsa molemi.
A re tse dingwe ke babereki ba Batswana ba ba tlogelang tiro go sena mabaka ape mme seo se babalele kgwebo.
A re o tlhorontshiwa gape ke diji tse melomo ya tsone e leng turo ebile di batla motho a nna a beile seemo leitlho.
Rre Kemo o boletse fa dipalamo tse ba di dirisang di tshabelelwa ke go senyega, se se bo se kgopakgopetsa lenaneo la go isa merogo kwa e tshwanetseng go ya teng. Se sengwe a re ke dibetso tsa tlholego, bogolo jang pula e ntsi.
Le fa go ntse jalo, o kgothaditse banana go sa inaya boitlhobogo.
Dithuto tse di, ne di tsenwe ke banana go tswa Mogorosi, Thabala, Motshegaletau, Sehunou, Mabuo le Moiyabana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Thabala
Event : Thuto puisano
Date : 17 Jan 2021