Lesedi o kopa banana go ikilela mo segajajeng
17 Jan 2021
Mopalamente wa Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi, o kopile banana go ikela tlhoko mo segajajeng sa COVID-19.
O buile se kwa thuto puisanong e a neng a e rulaganyeditse banana ba kgaolo ya gagwe go abelana maele ka tsa kgwebo.
Rre Lesedi a re go a gakgamatsa go bo go na le batho ba ba sa dumeleng fa mogare wa corona o le teng, mme a kopa banana go fetola ka fa ba tsayang bolwetse jo ka teng ka jaana go tlhomamisitswe fa bo le teng ebile bo bolaya batho.
O bile a ba kopa go ipabalela le go fokotsa metsamao e e sa tlhokafaleng.
Rre Lesedi o ne a gwetlha banana gore fa ba tsena mo dikwebong ba dire dipatlisiso ka dikgwebo tse ba tsenang mo go tsone gore ba tle ba lemoge go sale gale dikgwetlho tse ba ka tshokaneng ba kopane le tsone.
O ba kopile go tsena mo makalaneng a a adimisang madi go kopa dithuso gore ba tle ba kgone go godisa dikgwebo tsa bone.
Rre Lesedi one gape a ba kgothatsa go tsena mo kgwebong ya temo ka gore mo nakong tse tsa bolwetse go supile fa e ka dira sentle ya ba ya ba kgontsha go jesa lefatshe la bone go nale go ikaega ka dijo tse di tswang kwa ntle ga lefatshe leno ka seo se le turu.
Fa a tswa la gagwe, Rre Justice Motlhabane, go tswa kwa Botswana Speaks e bile e le mothusa-mogokaganya ditirelo tsa ofisi ya mopalamente o gwetlhile banana ba ba eletsang go tsena mo dikgwebong go fetola ka fa lebang dilo ka teng, a bolela fa go le botlhokwa go lemoga gore kgwebo e kgona go tlhagelwa ke dikgwetlho tse dintsi mme ebile di farologanye. Rre Motlhabane a re gape ba tshwanetse go emana nokeng, kana ba ikgobokanya gore ba tle ba atlege.
O bile a kgala mowa wa go fufegelana ga mmogo le wa go nyatsa boleng jwa dithoto tse bone le bangwe ka bone ba bagwebi ba di ntshang. Rre Motlhabane o ne gape a tswelela a ba bolelela fa mogwebi a tshwanetse go tsaya boikarabelo jo bo tletseng ka kgwebo ya gago, mme a bo a dira ka thata gore kgwebo ya gago e gole.
O tsweletse a ba itsese fa ditshono di le dintsi thata mo lefatsheng la Botswana mme ba tshwanetse go di dirisa go simolola ga mmogo le go godisa dikgwebo tsa bone. A re jaaka bagwebi ba tshwanetse go nna pelotelele fa ba tsena mo makalaneng a a thusang ka dikadimo tsa madi, le go kopa dithuso mo go ba ba maleba fa ba sa tlhaloganye sengwe mo dipampiring tsa ikopelo madi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Mbaeva
Location : SEROWE
Event : bokopano
Date : 17 Jan 2021