Ba kgothadiwa go gweba ka temo-thuo
17 Jan 2021
Banni ba Dipotsana, Diabo le Ga-Segwagwa kwa kgaolong ya Mmathethe/Molapowabojang ba kgothaditswe go gweba ka temo-thuo gore ba kgone go itshetsa.
Kgothatso e e dirilwe ke mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang, Dr Edwin Dikoloti, fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng.
Mopalamente o kopile banni go dirisa lenaneo la dikgaolo (constituency community projects) go dira dilo tse di ka fetlhang ditiro jaaka go phunya didiba go dirisa metsi a tsone go tsaa mananeo a temo thuo go dira dikgwebo.
Dr Dikoloti a re theko ya diteemane e wetse kwa tlase, fa mhama wa bojanala le one o babaletswe, mme go le mo maruding a puso le Batswana gotswa ka methale e mengwe ya go fetlha ditiro.
A re o ikaelela go abela kgaolo ya gagwe ditlhare tsa maungo, gore ba kgone go lemela kgwebo, a tlatsa ka gore ga go monate go reka dijo kwa ntle ga Botswana, mme dijo tseo di kabo di dirwa mono.
Dr Dikoloti, yo gape e leng Tona wa Botsogo le Boitekanelo, o supile matshwenyego ka bogodu jwa leruo, a re ke mmaba o mogolo mo go tlhabololeng temo- thuo, ka jaana batho bangwe ba itshetsa ka leruo.
O boleletse banni gore maikaelelo a gagwe ke gore batsadi, barutabana le bogosi ba tshwaragane go tsholetsa serodumo sa thuto mo kgaolong ya Mmathethe /Molapowabojang.
O ne a solofetsa dikole tse dipotlana tsa Dipotsana le Segwagwa le ofisi ya kgotla ya Ga-Segwagwa dibalamakgolo tse a supileng fa di tlaatla mo nakong e e sa fediseng pelo, a re seo ke maiteko a go tokafatsa thuto.
Matshwenyego a banni ka go farologana ga metse ya bone, a ne a akaretsa selelo sa tlhaelo ya boroko jwa bodiredi, tlhaelo ya matlo a borutelo, matlwana a boitiketso le koloi kwa kokelwaneng, bogodu jwa leruo le tiego ya go abelwa ditsha tsa bonno.
Banni ba Ga-Segwagwa ba lebogetse puso maiteko a yone a go lwantsha segajaja sa COVID-19 le go lebogela go thusiwa ka tshingwana ya merogo, matlo a batlhoki, le kago ya ntlo lefalafala e bareng e gaufi le go wela ba supa fa e tlaa thusa komiti ya ditlhabololo go tsenya madi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : Kanye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Jan 2021