Kgaogo ya motlakase e kgoreletsa ditlhabololo
17 Jan 2021
Mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang, a re kgaogo ya motlakase e e diragalang kwa kgaolong ya gagwe e kgoreletsa ditlhabololo.
O buile se fa a buisa ditlhogo tsa maphata le boeteledipele jwa motse kwa Machaneng bosheng.
A re go kgaoga ga motlakase go a tshwenya ka ditiro ka bontsi di bereka ka motlakase mme seo se ame ditlhabololo.
“Maikaelelo e ne e le gore seemo sa letlhoko la metsi se tlaa fokotsega ka jaana go tshwanetse ga gokelelwa metsi. Seo se tlaa nna bonya ka ntlha ya kgaogo ya motlakase,” mopalamente a tlhalosa.
Dr Gobotswanag o kaile gape fa seemo sa dikole se sa itumedise mme seo se sa siama ka bana ba solofelwa gore ba dire bontle mo seemong se se sa siamang.
Mokhanselara wa kgaolo, Rre Tshupo Noge, o kopile komiti ya ditlhabololo le baeteledipele ba motse gore ba bereke mmogo go isa molaetsa kwa setshabeng ka go sena diphuthego tse di ka kopanyang morafe otlhe ka ntlha ya COVID-19.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Machaneng, Mme Dikeledi Moeti, o kopile gore ditsela tse di tsamaelang kwa dikoleng, di tseelwe kgato ka gore di borai mo matshelong a bana bogolo jang fa dipula di nele di le dintsi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Pulamoeng
Location : Machaneng
Event : Bokopano
Date : 17 Jan 2021