Breaking News

Inaakanyeng le temo thuo - Gare

17 Jan 2021

Mopalamente wa Moshupa/Manyana, Rre Karabo Gare, o kgothaditse Batswana go inaakanya le temo thuo gore ba kgone go ntshetsa lefatshe dijo.

 A re lenaneo le le thusang balemi la ISPAAD le gorogile morago ga nako, ebile dithuso tsa lone di le dipotlana fa go tshwantshanngwa le mo nakong e e fetileng. 

Le fa go ntse jalo, o ne a akgolela balemi go le dirisa ka natla mme tsholofelo ke gore ba tlaa ntsha thobo e e nametsang. 

O ne a kopela lephata maitshwarelo go isa lenaneo kwabaleming moragong.

Rre Gare, yo gape e leng Tona wa Tlhabololo Temo Thuo le Dijo, a re Botswana o lebanwe ke kgwetlho e tona ya segajaja sa COVID-19 ka jaana dipalo tsa balwetse jo di golela pele, mme seo se koafatsa itsholelo ya lefatshe. 

A re ke ka moo puso e duleng ka lenaneo la go tsosolosa itsholelo mme go seegetswe fa thoko P14.5 billion Pula go itebaganya le lenaneo leo.

A re lenaneo leo le tlaa thusa go dira melala ya ditiro dingwe tsa ditlhabololo tse di neng di solofetswe go dirwa mme tsa emisiwa ke tlhaelo ya madi.

O kopile banni ba Manyana go leta ka tsholofelo ya gore lenaneo leo le tlaa araba selelo sa bone sa tsela ya Manyana/Moshupa e ba lelang ka yone gore e tshelwe sekonotere.

Tona Gare a re puso e dule gape ka mananeo a akaretsang la CEDA le NDB go thusa dikgwebo tse ditona go intsha mo lehumeng fa la LEA lone le tshwaetswe go thusa dikgwebo tse dipotlana.

Tona Gare o galaleditse lenaneo la ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi la go abela Batswana diphoko le diphelehu, a re ke lenaneo la gagwe fela la go thusa Batswana, a re ga a dirise madi a puso ka a di tsaa fela mo lesakeng la gagwe le mo Batswaneng bangwe.

A re lenaneo leo le botlhokwa thata ka e tlaare isago le be le fetotse matshelo a Batswana, a tlhalosa gore dihutshane di bogadi bogaufi.

 A re dihutshane di mosola thata ka di ka thusa go tsosolosa itsholelo ya lefatshe leno fa di ka bonelwa mmaraka wa nama, ka jalo a kopa barui ba tautona a ba thusang ka diphoko le diphelehu go tshwara ka thata.

Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Alfred Kalanke, o boletse fa ba kopa gore tsela ya bone ya Manyana/Moshupa e tshelwe sekonotere, a tlhalosa fa go le lebaka le letelele ba lela ka tsela eo.

O supile matshwenyego ka ditsha tse disha kwa motsing o o a re ga dina metsi le motlakase ka gotwe ga di ise di tsene mo thuaganyong ya di tlamelo tseo, mme a supa fa seemo seo se kokonela banni kwa ditsheng tseo. 

Mo go tse dingwe banni ba kopile gore puso e tsenye leitlho thata gore a bana ba babalesegile kwa dikoleng kgatlhanong le mogare wa corona, ka jaanong dipalo tsa bolwetse jo di golela pele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : Monyana

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Jan 2021