Thusang Batswana ka lerato
14 Jan 2021
Mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang, o kgothaditse ditlhogo tsa maphata go thusa setshaba ka lerato le go ba tlhalosetsa ka fa mananeo a puso a berekang ka teng.
Dr Gobotswang o buile se fa a buisa ditlhogo tsa maphata le boeteledipele jwa motse kwa Sefhare ka Labobedi.
Mopalamente a re maphata a tshwanetse a kopana gore a lekodisane ka ditlhabololo tsa motse, gore fa ba setse ba buisana le morafe, dikgang di bo di le motlhofo, di sekasekilwe.
Dr Gobotswang o tlhalositse fa mogare wa COVID-19 o amile itsholelo, ka jalo, ditlhabololo dingwe di tlaa nama di eme, mme go tla nna le dingwe tse di dirwang tse di amang botsogo.
“Ditlhabololo tse di amang botsogo jaaka paakanyo ya matlo a boiteketso kwa dikolong ke dingwe tsa ditlhabololo tse di tlaa nnang teng mo motseng,” ga bua mopalamente.
O tlhalositse fa go kgaoga ga motlakase go tshwenya ka jaana ditiro ka bontsi di bereka ka motlakase.
Mokhanselara wa kgaolo ya Sefhare, Rre Kenanao Badumetse, ene o lekodisitse mopalamente ka seemo sa dituelo tse di sa gorogeng ka nako tsa beng ba diterekere.
O kopile gore fa nako ya temo e simolola go bo go setse go thapilwe batho ba ba thusang balemisi go lekanya masimo gore beng ba diterekere ba kgone go bona dituelo tsa bone ka nako.
Fa a ntsha pego ka seemo sa COVID-19, Dr Kagiso Tshegetsang, wa kokelo potlana ya Sefhare a re mo kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami ba dirile ditlhatlhobo di le makgolo a mabedi le lesome le boraro, mme mo go tsone ba ba tshwerweng ka mogare ba masome a mane, mo go bone go fodile ba le masome a mararo mme ba le lesome ba santse ba le mo serubing.
A re ba lemogile koketsego ya bolwetse ka malatsi a boitapoloso ka jaana pele ga malatsi ao, ba ne ba na le dipalo di le lesome le bone, mme dipalo tsa oketsega go nna masome a mane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Pulamoeng
Location : SEFHARE
Event : Puisanyo le ditlhogo tsa maphata
Date : 14 Jan 2021