Manokonoko a segajaja a tlaa kgoreletsa ditlhabololo
14 Jan 2021
Mopalamente wa Mmadinare, Rre Molebatsi Molebatsi, a re manokonoko a COVID-19 a amile matlotlo a puso, ka jalo tiriso ya madi e tlaa ngotlega.
Rre Molebatsi o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla kwa Tshokwe le Tobane.
A re tsela ya Tshokwe-Tobane ga e mo lenaneong la ditlhabololo la NDP 11. Le fa go ntse jalo, Rre Molebatsi a re go botlhokwa go loga maano aa ka thusang go rarabolola mathata a bakiwang ke noka ya Molabe ka nako ya dipula.
O tlhalositse fa puso e sa nna fela mme e tsweletse ka go loga matlhale aa ka dirisiwang go laola seemo sa metsi mo tseleng eo jaaka go aga motshela kgabo o o ka namang o thusa batho go kgabaganya noka ka nako ya dipula.
Rre Molebatsi o ne a tsibogela mafoko a modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Tobane, Rre Leaname Sekai, yo o supileng fa ba sa robatswe ke tsela e e gokaganyang motse wa bone le wa Tshokwe, a supa fa e sa siama ka jalo e sa tsamaege bogolo jang ka nako ya fa dipula di nele.
Rre Sekai o iteetse legofi lenaneo la madi a dikgaolo, a supa fa le le bogadi bogaufi ka le setse le thusitse go dira ditlhabololo mo motseng di akaretsa kago ya matlo a boroko jwa badirelapuso, mme a kopa gore le seka la emisiwa.
Rre Molebatsi o tswletse ka go kgothatsa banni ba Tshokwe le Robelela go dirisa madi a tlhabololo dikgaolo ka kelotlhoko gore ba gkone go feleletsa ditiro tse di tsweletseng ka go sena madi a mangwe a tla ntshiwang go tsenngwa mo ditirong tseo.
Mogolwane wa lephata la ditsela go tswa kwa khanseleng potlana ya Bobirwa, Rre Kabelo Kwati o supile fa tsela ya Robelela-Mmadinare ya dikhilometara tse di masome mane e tlaa tsenngwa sekontere, mme tiro eo, e kgaogantswe gabedi.
Rre Kwati a re go dirwa ga tsela eo, go tlaa simololwa ka dikhilomethara di masome a mabedi go tswa kwa Mmadinare mme e re morago madi a sena go bonwa e felelediwe.
Mo go tse dingwe dikgang, banni ba metse ka bobedi, ba lela ka ditlou tse di gobeyang mo metseng eo. Seemo seo, se builwe ke Kgosi Itumeleng Pelotona wa motse wa Tshokwe le Kgosi Phillip Tamocha wa Robelela.
Ba supile fa mo nakong ya gompieno ditlou di le dintsi mo di setseng di tsenelela batho mo malwapeng, le gore seemo seo, se kgoreletsa ba ba beileng tema go tlhokomela masimo a bone, le go baka tshenyo mo bangwe ba balemi batla tswang fela ba iphotlhere.
Kgosi Pelotona o supile fa go setse go begilwe tiragalo e tlou e neng ya gobatsa ngwana, mm emo nakong eno a alafelwa dikgobalo tse di masisi. O tsweletse a supa fa bas a kgotsofadiwe ke maiteko a dirwang ke bodiredi jwa lephata la diphologolo go tsibogela seemo se.
Kgosi Pelotona are ba ba senyeditsweng ke diphologolo tsa naga go tsaa lobaka gore badiredi ba tsibogele ikuelo go tla go bona tshenyo le gone go phimola dikeledi ba ba setseng ba thusitswe. A re bangwe ba ba jetsweng leruo ke ditau, mm emo nakong eno ba ise ba thusiwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Diphuthego tsa kgotla
Date : 14 Jan 2021