Breaking News

Kgwebo ya temo ke yone tsela - Tsogwane

14 Jan 2021

Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane, o kgothaditse bagolwane ba metse ya Mokobaxane, Kedia le Mopipi go rotloetsa morafe go inaakanya le dikgwebo tse di mo mohameng wa temo.

O buile jalo fa a buisa diphuthego tsa dikgosi le dikomiti tsa ditlhabololo ka Mosupologo. Rre Tsogwane a re segajaja sa COVID-19 se papamaditse borai jwa go ikaega ka go tsaya dijo le dithoto kwa mafatsheng a mangwe.

Rre Tsogwane a re mo maitekong a go rotloetsa Batswana go tsena mo dikgwebong ka go farologana, lekalana la CEDA le tlhofofaditse melawana ya kadimo ya madi.

O rotloeditse bagwebi le bagolo ka kakaeretso go jwala mowa wa bogwebi mo bananeng, gore ba gwetlhege go dirisa mananeo a puso go itlhamela dikgwebo go hema letlhoko la ditiro.

Rre Tsogwane, yo gape eleng mopalamente wa Boteti Bophirima, a re ditiro tsa ditlhabololo tse di ntsheditsweng madi di tlaa tswlelela jaaka go rulagantswe, a tlatsa ka gore dingwe tsa tse di neng di tshwanetse go dirwa mo lenaneong la ditlhobololo la NDP 11, di tla nama di seegetswe fa thoko ka itsholelo e santse e babaletswe ke manokonoko a COVID-19.

Rre Tsogwane a re ditshekatsheko di tsweletse gore dintlha dingwe tsa molao motheo tse go lebegang di siilwe ke nako di fetolwe, mme a re seo se tla ka thulaganyo ya morero.

O tsweletse a supa gore bokopano jwa palamente jo bo sa tswang go wela bo fetisitse molao kakanyetso wa go itsa mapalamente go fudugela kwa phathing tse dingwe ka ditilo morago ga tlhopho.

A re mo nakong eno, go setse fela gore Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a o bee monwana gore o tsene mo tirisong.

Rre Tsogwane o supile fa kgang ya go tlhaela ga lefatshe le tiego ya ga baa batho ditsha tsa bonno e le ya moruthutha.  A re ke kgang e dingalo, ka jalo a kopa ba lephata la kabo ditsha go e rarabolola ka bofefo.

O tladitse ka gore sengwe se se ka dirwang ka bofefo ke go kaba diphatlha tse di fa gare ga metse.

E rile itebaganya le go kabiwa diphatlha tse di le teng tsa bogosi, Rre Tsogwane a supa gore, go tlhagoga go segajaja sa COVID-19 go tsetse madiadia. Le fa go ntse jalo, Rre Tsogwane a re bagolwane ba lephata ba thulantse ditlhogo go bona gore morafe o ka dira jang go dira morero wa go tlhopha b aba ka romiwang go etelela morafe, ntle le go kgobokana .

O tsweletse a a supa nngwe ya ditiro tse di tla dirwang mo kgaolong ya gagwe ke lenaneo la go tlhabolola metsi ka go gokaganya didiba le ga aga lefelo le le tlhatswang metsi a tla sielwang metse ya Mokobaxane,

Kedia, Mopipi, Xhumo, Toromoja, Mmadikola, Rakops le Xere. A re ipapatso ya b aba ka dirang tiro eo, e tla abiwa ka kgwedi ya Moranang, mme tiro e solofetswe go dirwa mo kgweding tse di lesome le boroba bobedi tse di tla latelang.

Rre Tsogwane are go na le kgang ya gore bontlha bongwe jwa lefatshe la sehuba (State Land), kwa Makgadikgadi Pans, ke la morafe, ka jalo a re o kopa bagolo ba motse ba ba tlhaloganyang sentle kgang eo, go ntsha kemedi go isa kgang eo kwa pusong.

Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mokobaxane, Mme Boipelego Keepilwe o lebogetse ditlhabololo tse tsweletseng mo motseng wa bone. Mme Keepilwe a re ba kopa gore leobo la kgotla le atlolosiwe. O supile gape gore ba tlhaelelwa ke matlo a borutelo ko sekolong sese potlana le tlhaelo ya boroko ja badirelapuso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LETLHAKANE

Event : Diphuthego tsa kgotla

Date : 14 Jan 2021