Breaking News

Go botlhokwa go obamela melao ya botsogo

14 Jan 2021

Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane, o rotloeditse banni ba Toromoja, Xhumo le Mmadikolola go obamela melawana ya COVID-19.

Mothusa Tautona, yo gape e leng mopalamente wa Boteti Bophirima, o buile jalo fa buisa diphuthego tsa dikgosi le dikomiti tsa metse eo ka Labobedi.

O ne a ba tlhalosetsa gore  seemo sa COVID-19 se tsere phekelo e sele.

A re dipalo di supa fa COVID-19 e gola mo lefatsheng leno, gape go tsile mogare o mongwe o bogale go feta wa ntlha.

O ne gape a re go supagetse gore mo mafelong a Sedimonthole le tshimologo ya Hirikgong, dipalo di sne tsa gola thata.

Rre Tsogwane a re setshaba se tshwanetse go amogela gore ga se kake sa dira dilo dingwe jaaka gone gontse pele.

A re puso ga e dire melao go gamola batho, mme e leka go hema kanamo ya COVID-19 j. A re maikaelelo a puso ke go fenya bolwetse jo ka jaana fa bo ka jwelela go tlaa nna thata go bo laola ka ntlha ya ditlamelo tse di kwa tlase.

O boletse gape gore COVID-19 e amile itsholelo ya lefatshe leno ka jalo puso e rotloetsa setshaba go lema le go tlhabolola leruo go tsosolosa itsholelo.

O ne gape a re puso e tokafaditse mananeo a lekalana la CEDA go rotloetsa gore lefatshe leno le itirele dijo le go tlhama ditiro .

Rre Tsogwane a re lefa dipula dile teng batho ba siiwa ke nako ya temo ka ntlha ya tlhaelo ya digogi.

A re lefatshe leno le lemogile go gola ga kgokgontsho ya bana le bomme ka nako ya kiletso metsamao, e a reng e dirwa ke borre thata.

Fa a rola pego ya komiti ya ditlhabololo tsa Toromoja, modulasitilo wa komiti e, Mme Cecilia Ndjavera, o boletse fa ba kopa go atolosetswa leobo la kgotla, a tlatsa ka gore ba tlhaelelwa ke matlo a badirelapuso .

Mme Ndjavera a re ba kopa gore phatlha ya kgosi e kabiwe ka bonako ka gore ba a sokola fa ba batla thuso e e batlang Kgosi.

Fa a bua mo boemong jwa kgosi moemedi wa kgaolong ya boteti ko ntlong ya dikgosi, Kgosi Godfrey Serapo a tlhaolosa fa ba itemogela botlhoka tsebe jwa banana le bogodu mo motseng wa Toromoja. Kgosi

Serapo o ne a supa letshwenyego la peo ya ditsha a tlhaolosa gore e setse ele ngwaga wa bone go sa bewe ditsha mo motseng Toromoja.

Mogokaganyi wa ditirelo tsa botsogo, DHMT, Mme Gasebatho Kedikilwe o ne a lekodisa banni ba motse wa Toromoja ka seemo sa bolwetsi jwa malaria, a tlhalosa gore go tshwere batho bale babedi ka jone ko motseng oo. Mme Kedikilwe o tlholositse fa batla boeletsa lenaneo la go tipa matlo ko Boteti bophirima, a ba gakolola go tlhagola dijarata.

Mogolwane wa mapodisi a Rakops Superintendent Thito Freeman o tlhalositse fa bogodu jwa leruo bole ko godimo mo kgaolong ya Toromoja. Supt Freeman a re ba kopile bogogi jwa motse go thusana le bone ka gore borukuthi jo bo dirwa ke banana ba motse oo, atlatsa ka gore ba itemogetse gore ba utswa marole thata.

 A re lenaneo la kgomo khumo le kabo le setse le tsile mo kgaolong ya Boteti le kgoreleditswe ke COVID19 le la bone la kgaolo ya Boteti la kgomo Bolekane le santse le emisitswe ke jone bolwetsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LETLHAKANE

Event : Diphuthego tsa kgotla

Date : 14 Jan 2021