Breaking News

Tlhokomelang matlapa - Kereng

14 Jan 2021


Tona wa Tikologo, Diphologolo le Bojanala, Mme Phildah Kereng, o kgothaditse banni ba kgaolo ya Gerald kwa Francistown go tlhokomela matlapa aa bonwang koo gore batle ba anye sengwe ka one.

O ba kopile go bopa mokgatlho oo tiileng oo tlaa tshwarang madi sentle gape o na le le boikarabelo mo go somareleng ditsa tlholego.

Tona o buile se bosheng fa a ne a etetse mafelo mangwe ka taletso ya Mopalamente wa Francistown Borwa, Rre Winter Mmolotsi.

A re go botlhokwa go ntlafatsa lefelo leo go nna la itoso bodutu le gore bajanala ba kgone go tsenya madi aa tla solegelang morafe molemo.

Matlapa ao, a mangwe a one a bonwang kwa Tropic of Capricon, a ratiwa bobe ke bafeti ba tsela.

O tsweletse a tlhalosa fa puso e le mo thulaganyong ya go thusa ka ditsheka-tsheko le dipatlisiso ka mantswe ao.

Kgosi Gaafiwe Kediseng wa Gerald a re matlapa a simolotswe go bonwa a sena go epololwa ke konteraka ee neng e aga matlo kwa kgaolong eo.

A re ka jalo bangwe bane ba a kgathegela go kgabisa ka one.

A re bogosi, banni le komiti ya ditlhabololo tsa motse ba setse ba ikopantse le ba letlotlo la ditso ka maikaelelo a go tlhama mokgatho o o tlaa tsamaisang ditsa tlholego tse di mo kgaolong.

O supile fa go setse go nale bangwe ba ba utswang matlapa fa bangwe ba kopa go a reka jaaka sesole sa Botswana le batho ka bongwe ka bongwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goratagaone Madome

Location : FRANCISTOWN

Event : Dipuisanyano

Date : 14 Jan 2021