Breaking News

Dipalo tsa mogare wa corona di a kekela

14 Jan 2021

Mopalamente wa Nkange, Dr Never Tshabang, a re go supagala fa dipalo tsa COVID-19 kwa kgaolong potlana ya Tutume di oketsegile thata ka malatsi a botsalo jwa Morena le ngwaga o mosha.

Dr Tshabang o boletse seo mo diphuthegong tsa kgotla kwa Dagwi le Maitengwe ka Labobedi.

A re dipalo tsa balwetse ba COVID-19 di gola letsatsi le letsatsi, ka jalo a kopa batho go itlhokomela go itsa kanamo ya mogare.

A re pego ya lekoko le le eteletseng pele twantsho ya COVID-19 e supa fa kgaolwana ya Tutume e na le batho ba ba tsenweng ke mogare oo ba le masome marataro le bosupa.

A re seemo se a tlhobaetsa, ka jalo a kopa setshaba go itshireletsa ka go rwala matsela aa bipang molomo le nko ka nako tsotlhe le go fokotsa metsamao ee seng botlhokwa.

E rile a itebaganya le dikgang tse dingwe, Dr Tshabang a re lefa lenaneo la ditlhobololo la bo lesome le bongwe (NDP 11) le tsweletse, sebe sa phiri ke gore ditiro dingwe tsa ditlhabololo di tlaa tlhaelelwa ke madi ka gore itsholelo e amilwe ke segajaja sa COVID-19.

A re palamente e fetisitse molao kakanyetso wa go itsa mapolotiki go hudugela kwa diphathing tse dingwe ka ditilo morago ga tlhopho.

A re nngwe ya diphetogo tsa molao ke gore maina a badira molato wa dikgang tsa kgokgontsho jaaka petelelo a kwalwe a papamadiwe mo setshabeng.

Fa ba tsibogela mafoko a ga Dr Tshabang, banni ba Maitengwe ba supile fa ba tshwenngwa ke ditsela tse di sa siamang, gape go tsaya sebaka gore di gopiwe.

Ba supilwe gape fa ba sa jesiwe diwelang ke bonya jwa kago ya matlo a mapodisi kwa Maitengwe le go ntshafadiwa ga tsela e e tshwaraganyang metse ya Tutume le Maitengwe.

Kgosi Shadreck Mengwe wa Maitengwe a re tiro ee rulaganyeditsweng ya go aga matlo a mapodisi e setse e wetsa ngwaga wa botlhano go sena tema e bonalang.

Kgosi Mengwe a re tsela ya TutumeMaitengwe le yone e eme tsii, morago ga gore monnga konteraka a tsene ka lenga la seloko. A re tsela e setse e senyegile e tletse dikhuti le metshelakgabo e senyegile.

Kgosi Mengwe a re seemo sa tsela eo ga se jese diwelang segolo jang mo nakong ya pula.
Kwa Dagwi, banni ba lela ka koloi ya kokelwana e rwalang balwetse.

Ba supa fa balwetse ba sokola ka gore go lebaka kokelwana e sena koloi.

Ba supile gore mo nakong eno, ba thusiwa ke mmaboipelego go tswa Changate, mme ba re keletso ke gore ba thusiwe ke mmaboipelego wa Nkange go fefosa mosepele ka tsela e tswang Nkange e le ya sekontiri. Ba supa gore tsela ya Dagwi-Changate ke ya lekgarapana ka jalo ga e tsamaege, seemo se se ketefaletsang ofisi ya boipelego tiro.

Fa a araba mangwe a matshwenyego a bone, Dr Tshabang a re ka go tlhoka lesego, rakontera yo neng a shafatsa tsela ya sekontiri e tshwaraganyang Tutume le Maitengwe o phuagantse tiro e ise e wele.

E rile a itebaganya le kago ya matlo a mapodisi, Dr Tshabang a re monnga konteraka o ne a ikopela go okeletswa malatsi, le fa go ntse jalo tiro ya teng le yone e eme ka babereki ba supile fa ba kolotwa ka jalo ba ka se tswelele le tiro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : MAITENGWE

Event : Phuthego tsa kgotla

Date : 14 Jan 2021