Bana ba nwetse mo lekadibeng
13 Jan 2021
E re ka jaana pula e tsweletse ka go tshologa, setshaba se kopilwe go ikela tlhoko ka metsi a ka nna diphatsa mo matshelong a bone.
Go kopile jalo motshwarelela mookamela mapodise a Tshesebe, Assistant Superitendent Motlhokomedi Ponyane ka Mosupologo.
Tlhagiso eo e tla morago ga tiragalo e e neng ya tlogela banni ba Kgari kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba gamaregile fa basimanyana ba le babedi ba ne ba kgamiwa ke metsi.
Bobedi joo go tlhalosiwa fa bo ne jwa wela mo lekadibeng kwa nokeng ya Zwebasetjana, e e magareng ga metse ya Kgari le Masukwane.
Basimanyana bao ba ba neng ba le dingwaga tse tlhano le tse thataro ba tlhokafetse ka Matlhatso mo tshokologong.
Assistant Superitendent Ponyane o gwetlhile batsadi go nna ba tlhomile leitlho metsamao ya bana ba bone ka dinako tsotlhe go netefatsa gore ga ba tshamekele mo metsing ka go ka nna diphatsa mo matshelong a bone.
A re ditopo di setse di roletswe batsadi go bolokiwa.
Mo go tse dingwe, mookamela mapodisi a Masunga, Superitendent Gaolatlhe Ngayaya, a re batho ba tshwanetse go ititaya ka thupana go tlhomamisa gore ba
obamela dinako tsa kiletso mesepele.
Superintendent Ngayaya o boletse fa ba tshwenngwa thata ke batho bangwe ba ba nang le mokgwa wa go sa obamele dinako tseo.
Mme Ngayaya a re go a tshwenya ka jaana ba tshwara batho ba go nna jalo tsatsi le letsatsi mme ba ntsha mabaka a a farologaneng.
Bontsi ja mabaka a a fiwang ke badiramolato go ya ka Superintendent Ngayaya a lolea ebile ke maipato fela. A re ba tshwara batho bangwe gare ga masigo .
Mo go tse dingwe, mookamela mapodisi o boletse fa ba tshegeditse batho bangwe ba le botlhano go ba thusa mo ditlhotlhomisong tebang le bogodu jo go lebegang bo kekela jwa go utswiwa ga ditena le motlhaba mo dijarateng dingwe kwa motseng wa Masunga.
Mme Ngayaya a re dithoto tseo di utswiwa mo dijarateng tse beng ba tsone ba iseng ba nne kwa go tsone mme ba setse ba kgobokantse dithoto tseo tsa kago.
Ka jalo o tlhagisitse sechaba kgatlhanong le go reka kgotsa go amogela dilwana tsa bogodu, a re go dira jalo ke molato o motho a ka tseelwang dikgato tse di maleba.
Mme Ngayaya a re go botlhokwa gore batho ba nne ba reka dithoto tse di nang le bosupi bo tshwana diresiti, a kaya fa go le botlhokwa gape gore batho ba nne ba boloka dipampitshana tseo fa ba rekile sengwe kwa marekisetsong gore di kgone go ba supela fa go na le sengwe se se belaesegang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : PEGO
Date : 13 Jan 2021



