A kgodiso ya bana e tshwaraganelwe - Pule
13 Jan 2021
Mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule, o kopile batsadi gore ba tshwaragane le barutabana mo kgodisong ya bana.
Fa a bua kwa phuthegong le bogogi jwa Oliphant’s Drift bosheng, Rre Pule o tlhalositse fa barutabana e le batsadi ba bana kwa dikolong, ka jalo go le matshwanedi gore ba rute bana botho.
A re ke maikaelelo a puso go fokotsa dipalo tsa baithuti mo mantlwaneng a borutelo, gore morutabana mongwe le mongwe a lebagane le palo e e lekanetseng ya baithuti, a tlhalosa fa se se ka dira gore barutabana ba kgone go bona bokgoni jwa baithuti ka bongwe ka bongwe.
O rotloeditse barutabana gore ba seka-seke gore kwelotlase ya maduo a baithuti e bakwa ke eng, a bua jalo a kopa le batsadi gore ba tseye maikarabelo a go thusa barutabana ka go ema bana nokeng mo dithutong tsa bone.
Rre Pule o ne a tswelela ka go kopa bogogi gore bo rotloetse banana go ipulela dikgwebo tse di potlana, mme ebile gape bo ba eme nokeng.
O kopile banana ba kgaolo ya Kgatleng gore ba dirise mananeo a puso a nyeletso lehuma go itshetsa, a tlhalosa fa dipalo tsa batho ba ba dirisang mananeo a di le kwa tlase mo Kgatleng.
O kopile bogogi jwa Khansele ya Kgatleng gore bo tlhotlhomise gore se se bakwa ke eng, le gore ba tlhotlhomise gape gore mananeo a banana a leng teng, a phutlhamisiwa ke eng.
Rre Pule o ne a kgothatsa badirela puso gore ba dire tiro ka manongtlhotlho le go isa ditlamelo kwa sechabeng ka botswapelo.
Go sale foo, a ntse a le mo letsholong la go lekola kgaolo, Rre Pule o ne a etela motse wa Oodi.
Fa a tswa la gagwe, Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng Rre Daniel Molokwe o ne a supa fa mo ngwageng o o fetileng, go nnile le mathata a madi a a bakilweng ke Covid 19, a tlhalosa fa madi mangwe a a mo letloleng a dirisitswe mo twantshong ya Covid 19.
O ne a rotloetsa VDC ya Oodi gore e seka ya emela khansele gore e ba tswe thuso nako le nako, a re mo ditlhabololong tse dingwe, VDC e dirise madi a a mo letloleng la yone go ithusa.
Modulasetilo wa VDC Mme Osadi Segokgo o ne a supa fa ditlhabololo ka bontsi di emisitswe ke go tlhagoga ga bolwetsi jwa Covid 19.
O ne a supa gape fa motse wa Oodi o na le bothata jwa metsi, mme are le fa go ntse jalo, kompone ya metsi e dirisana sentle le bone ka go ba itsese ka dikgaogo tsa metsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sandra Sethaiso
Location : OLIPHANT’S DRIFT
Event : Phuthego
Date : 13 Jan 2021