Bagwebi ba arogana maele ka tsa dikgwebo
13 Jan 2021
Bagwebi bangwe kwa kgaolong ya Legare ba supile fa COVID-19 e ba rutile botlhokwa jwa go atolosa dikgwebo tsa bone go lepalepana le diemo ka go farologana.
Ba buile se kwa thuto puisanyong e e neng e rulagantswe ke mopalamente wa Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi, kwa Mogome ka Labobedi.
Ba re ba lemogile fa mohama wa temo thuo e le one o ka itepatepanyang le seemo sa COVID-19 ka e rile nako ya kiletso mesepele balemi barui ba kgona go rekisa thobo ya bone.
Rre Lesedi ene o ne a tlhalosa fa lefatshe le le mo nakong e e thata ya COVID-19 mme a rotloetsa batsena bokopano go sala ditaelo tsa ba botsogo morago ka dipalo tsa batho ba ba nang le bolwetse di tsholetsega letsatsi le letsatsi.
Rre Lesedi a re ka go lemoga fa go na le letlhoko la dikitso mo dikgwebong, o ne a bona go le maleba go arogana maele le dikitso tse di tseneletseng go godisa dikwebo.
O ne a supa fa go sena ditiro mme batho ba ka kgona go itshetsa fa ba ka tsaya dikgwebo ka thwaafalo.
Modiri wa lekalana la Botswana Speaks kwa Serowe, Rre Justice Motlhabani, o ne a tlhalosa fa lenaneo le, le ka thusa go tokafatsa tirisanyo fa gare ga mapalamente le morafe.
O ne a rotloetsa bakgwebi go bereka mmogo go godisa dikgwebo tsa bone, a bo a gakolola go nna pelotelele le tebelopele.
Rre Motlhabani o ne a rotloetsa bagwebi bao go nna le lerato, ba ikopanye gape ba thusane go dira dikgwebo ba le ditlhopha gape ba dire motshelo go itlhamela dikgwebo le mebereko.
Rre Kitso Segadimo go tswa ko lekalaneng la tumelo ya Islam (Muslim Association) a re sephiri sa go phunyeletsa mo dikgwebong se laolwa ke nako e mokgwebi a e tsayang mo kgwebong.
“O tshwanetse go neela se o se batlang mo botshelong jwa gago nako gore o tswelele pele,” ga bua Rre Segadimo.
Rre Segadimo o ne a rotloetsa bagwebi gore nako ke madi, ba tshwanetse go dirisa nako ya bone mo dilong tse di ka tokafatsang e bile di tlhabolola matshelo a bone ka ga gona nako ya go tshameka mo kgwebong.
A re ba ithute go boloka madi, gape ba nne le dibuka tse ba kwalelang tsa dikgwebo mo go tsone.
Kgosi Messy Otswakae wa Mokgware a re dithuto tseo di tsisa lesedi le dikitso ka tsa dikgwebo, mme a gatelela gore thuto e na le bokao mo botshelong.
Kgosi Otswakae o ne a rotloetsa bagwebi go dirisa dithuto tse ba di filweng mo bokopanong ka thwaafalo gore ba ye go arogana le ba ba sa kgonang go nna teng.
Mmereki wa mokgatlho wa Tlholego Foundation, Rre Brian Tlholego, o ne a tlhalosa fa mokgatlho o, o remeletse thata mo makalaneng a le mararo a akaretsa go nna le seabe mo dithutong tsa bana, go abela bana, batlhoki le bagodi ga mmogo le go nna le seabe mo go tsa metshameko (annual tournament).
“Ke ne ka ya go emela banana kwa mafatsheng a a farologaneng mo go tsa kgwebo,” ga bua Rre Tlholego. O ne a re o na le khamphane e e dirang tsa kago, ditsela gape a rekisa dithoto (supplies).
O ne a rotloetsa banana go nna le dikhamphane ka go motlhofo go ikwadisa ko makalaneng a tsa dikgwebo fa o na le yone.
Rre Tlholego o ne a supa gape fa e le morui wa dikoko tsa mae le tsa nama.
A tlhalosa fa e le kgwebo e e siameng thata ntswa go na le kgwetlho e tona mo lefatsheng ya tlhaelo ya dijo mo nakong ya gompieno ka mabaka a COVID-19. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Segojame Ikgopoleng
Location : MOGOME
Event : Thuto puisanyo
Date : 13 Jan 2021