Breaking News

Go bipa mpa ka mabele ga go a siama - Makwinja

13 Jan 2021

Mopalamente wa Lentsweletau-Mmopane, Mme Nnaniki Makwinja, o kopile banni ba Hatsalatladi le Mogonono gore ba seka ba bipa mpa ka mabele fa bana ba basetsana ba dirisitswe botlhaswa ke borre.

Fa a kopane le dikgosi le maloko a dikomiti tsa ditlhabololo ka Mosupulogo, Mme Makwinja o boletse fa puso e tshwenyega ka dipalo tse di golelang pele tsa kgokgontsho ya bong tse ga ntsi di diragalang bomme kgotsa basetsana.

O boletse fa botsadi bo sa direle bana sentle ka go bipa dikgang fa bana ba dirisitswe botlhaswa segolobogolo ke masika. A re go dira jalo ke go sireletsa dilalome.

Mopalamente Makwinja, yo gape e leng Mothusa Tona wa Thuto go tswa ko Moding, o ne a tlhalosa gore ka molao oo fetisitsweng ke phuthego ya palamente bosheng, go tlhoka go bega kgokgontsho mo baneng ke molato.

O ne a tlhalosa fa puso e batla gore dikgang tsotlhe tse di amang go dirisiwa ga bana botlhaswa di sekwe le fa batsadi ba kare ba di rarabolotse.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Mme Makwinja o ne a tlhalosa fa lefatshe leno le wetswe ke seru sa COVID -19, mme ebile e amile itsholelo.

Mme Makwinja o ne a tlhalosa gore se ga se a tshwanela go dirisiwa e le seipato a re go na le ditirelo tse puso e sa bolong go di ntshetsa madi mme ga di ise di dirwe ka lebaka la boitseme.

Le fa gontse jalo, mopalamente o ne a tlhalosa fa puso e fetisitse melao e e itebagantseng le go okela bagwebi mo lefatsheng leno.

O boletse fa lefatshe leno le kaiwa le sa tshephegale mo mohameng wa go tsamaisa madi, mme se se dira gore bagwebi ba ipotse dipotso pele ba beeletsa mo go lone.
Mahatshe a Europe a beile Botswana leitlho ba supa fa madi a tswa mo lefatsheng leno ka ditsamaiso tse di sokameng mme se se rotloetsa bogodu le go thusa dilalome.

E re le ntswa palamente e fetisitse melao e le mekawana, go setse wa Citizen Economic Empowerment, o ka one puso e ikaeletseng go thusa Batswana go tsaya karolo mo itsholelong ya lefatshe la bone.

Mme Makwinja o boletse fa molao wa PPADB le one o tlaa baakangwa go letla dikgwebo tsa Batswana gore di dirisanye le puso.

Kgosi Sakie Gabanakgosi wa Hatsalatladi o kopile koloi ya kgotla a re e e neng e le teng e ne ya tsewa ka 2018 ka tsholofetso ya gore ba tlaa fiwa e nngwe mme ba santse ba letile.

O ne gape a kopa gore baoki ba okediwe a re ba na le mooki a le mongwe mme se se sokodisa batho fa a ile go ikhutsa kgotsa a setse a chaisitse.

Kgosi o ne gape a kopa gore go tlhabololwa ga tsela ya Hatsalatladi-Lentsweletau go fefosiwe ka batho ba setse ba phimotswe dikeledi mme yone ga e ise e simolole go dirisiwa.

O boletse fa tsela eo e le botlhokwa ka kgaolo ya gagwe e le ya temo thuo gape e fokotsa mosuke mo tseleng ya Molepolole-Gaborone.

Kgosi Goitseone Sekgwa wa Mogonono le ene o ne a kopa mapodisi mo motseng wa gagwe, dikago tsa di ofisi le go katolosiwa ga leobo la kgotla. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebagano Ntshole

Location : MOLEPOLOLE

Event : bokopano

Date : 13 Jan 2021