Therisanyo pinagare ya katlego - Kereng
13 Jan 2021
Tona wa Lephata la Tikologo,Tshomarelo Tikologo, Ditsa Tlholego le Bojanala, Mme Philda Kereng, a re Botswana o agetswe mo motheong wa therisanyo.
O buile jalo fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Nswazwi ka Mosupologo.
A re seo ga se a tshwanela go fetoga, ka jalo baeteledipele ba tshwanetse go lekodisana le morafe go isa lefatshe pele.
Mme Kereng a re ka tshwaragano le tirisanyo mmogo, ba ka kgona go thusana ka megopolo go leka go laola kgotlhang fa gare ga batho le diphologolo.
A re lephata le epa didiba kwa Ngwasha go leka go nosa diphologo tseo, ka ba lemogile fa di dirwa ke go batla metsi le phulo mo di felelang di gotlhagotlhana le batho.
O ne gape a re lephata le setse le anamisitse ipapatso go thapa ka nakwana beng gae, ba ba nang le dikoloi go thusa go sekaseka tshenyo e e bakwang ke diphologolo tseo, go re ba fefose go thusa batho fa ba senyeditswe, e le bontlha bongwe jwa go rarabolola matshwenyego a batho.
A re lephata le ntse le sa kgone go thusa batho ka nako ka lebaka la tlhaelo ya didirisiwa le bodiredi; ka jalo ka thulaganyo eo batho ba tla thusiwa ka ponyo ya leitlho.
O ne a gwetlha banni go bopa komiti ya trust, e ka yone ba ka kgonang go somarela matlotlo a tlholego, mme ba kgone go tlhabolola metse le matshelo a bone.
E ne e rile pele fa a amogela baeng, Kgosi Batshani Monyatsi wa Nswazwi, a bolela fa ba sa jesiwe di welang ke ditshwene tse di senyetsang balemi kwa masimong.
Kgosi a re gore motho a kgone go tswa ka sengwe mo tshimong,o tshwanetse go leta tshimo letsatsi lwa ntlha a sena go lema go fitlhelela o roba, a re seo se ama merero ya motse.
O ile a kopa tona go re ba seka seke go ka fudusa ditshwene tseo go di isa kwa mafelong a a nang le diphologolo go re morafe o kgone go roba sengwe kwa masimong.
Pele ga phuthego, tona Kereng o ne a etela mafelo mangwe, a a nang le ditsa tlholego kwa motseng wa Makuta le letamo la motse oo.
O supile fa mafelo ao a ka busetsa banni ba motse oo fa ba ka dira trust go a tlhokomela gore a dire letseno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : NSWAZWI
Event : Phuthego
Date : 13 Jan 2021