Tsibogelang dikai tsa COVID-19
13 Jan 2021
Ngaka kwa Serowe District Health Management Team (DHMT), Dr Onkgopotse Oduetse, o kopile setshaba go tsibogela dikai tsa COVID-19 di ise di kekele.
Fa a rola pego kwa phuthegong ya komiti ya COVID-19 kwa Serowe ka Mosupologo, o ne a supa fa ba lemogile gore bangwe ba ya kokelong ba setse ba gateletswe, mme seo se ba baya mo diphatseng.
Dr Oduetse a re bangwe ba ya kokelong ba supa dikai tsa go hupela le mahatlha a a botlhoko, ka jalo o ne a ikuela mo setshabeng go ya kwa kokelong e e gaufi fa ba ikutlwa ba lwala.
O tsweletse ka go supa fa mo nakong eno go setse go na le batho ba ba tshwerweng ka mogare wa corona ba le 194, mo kgaolong potlana ya Serowe, mme mo palong eo, ba le 88 ba ise ba fole.
Dr Oduetse a re mo nakong eno go na le ba le 41 kwa bookelong jwa balwetse ba COVID-19 kwa Serowe fa ba le 47 ba okelwa kwa malwapeng.
A re ka nako ya malatsi a keresemose le ngwaga o mosha, balwetse ba COVID-19 ba le bararo ba ne ba gateletswe, mme ba isiwa kwa kokelong ya Sir Ketumile Masire, fa ba le bane ba ne ba tlhokafala.
Dr Oduetse a re ba kwadisitse dipalo tse dintsi tsa balwetse ba COVID-19, mme di amanngwa le gore go nnile le metsamao e mentsi ya batho e e neng ya diragala ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha.
O ne a rotloetsa setshaba go tsaya boikarabelo ka bongwe ka bongwe, mme ba ipabalele mo bolwetseng jwa COVID-19.
O ne a supa matshwenyego ka bangwe ba a bolelang fa ba sa rwale dibipa melomo le dinko tse di ba lekanang mme seo se ba baya mo diphatseng tsa go tsenwa ke bolwetse ka ba patelesega go di tshwara ba di busetsa fa dinkong.
Dr Oduetse o ne gape a tsibosa banni ba kgaolo potlana ya Serowe ka kgonagalo ya gore dipalo tsa bolwetsi jo di oketsege mo nakong ya fa dikole di bulwa mme mongwe le mongwe o tshwanetse a ipabalele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : PEGO
Date : 13 Jan 2021